Upload
others
View
4
Download
0
Embed Size (px)
Citation preview
Modimo a bua ka Jesay a a re, “Ke otlile le go
godisa bana, mme ba ntlhanogetse. Pholo e e
sa bueng e itse mong way one, fela Iseraele
ga e nkitse. Lo morafe o o bosula, batho ba
tletseng bobe, bana ba badira bosula...
Fa lo ka tlogela bosula mme lo thuse ba
gateletsweng, lo tlhokomele dikhutsana, lo
tlamele batlholagadi, ke tla lo fodisa, fela fa lo
sa retelogele go nna lo tla nyeletswa ka tshaka.
Naga ya lone yotlhe e tla nna lolea, mme metse
ya lona e jewe ka molelo, mme ba tla isa barwa
botlhe ba lona Babilona mme bat la dirwa
baunike go direla paleise ya kgosi ya Babilona.”
Jeremiah (627 B.C.) a re, “MORENA a re, Bona ke
baya pele ga gago tsela ya bophelo le tsela ya loso. Yo o
dulang mo motseng o o tla swa ka tshaka, ka leuba, le ka
malwetse: mme ya tswang go ona, a wele matsogong a
Bakalatea, o tla tshela, fela o tla nna motlhanka kwa
Babilona. Gonne ke kgatlanong le motse ona, go bua
MORENA, mme o tla neelwa matsogong a kgosi ya
Babilona, mme a o nyeletse ka mollo.
142
MORENA a re, “Mme nna ka esi ke tla
lwana khatlanong le lona ka letsogo le
otlolotsweng le le matla,le ka bogale, le
tenego, le tshakgalo e kgolo. Mme ke tla
otla baagi ba motse o, batho le diphologolo:
ba tla swa ka bolwetse jo bogolo, mme
morago ga moo, go bua MORENA, ke tla
golola Zedekia kgosi ya Juta, le batlhanka
ba gagwe, le batho, le bao ba setseng
morago ga bolwetse, tshaka le leuba
matsogong a Nebukatenesara kgosi ya
Babilona, le mabogong a baba ba bone, le a
bao ba batlang bophelo ba bone: mme o tla
ba nyeletsa ka bogale ba tshaka, ga a kitla a
ba rekegela, le eseng go ba tlhomogela pelo,
kgotsa bopelotlhomogi. Bogale ba me bo tla
tuka jaaka molelomme ga go ope yo o ka bo
timang. Bat la lo isa Babilona jaaka
makgoba, mme ba lo nyeletse ka tshaka.
Bontsi jwa bao ba yang Babilona ba tla swa
mme ba bolokwe teng.
Amose, 762 BC
143
Modimo a bua ka Amose, “Basadi ba
lona ba jaaka dikgomo tse batlang
banna ba tsone go di tlamela ka dino.
Ga lo kitla lo laola banna ba lona.
Lo tla tsengwa ditshipi naming go
iswa Babilona go nna malata teng.
“Lo robala malaong a tlhwatlhwa e kwa godimo,
lo je dijo tse monate tsa mafura. Lo utlwelele
mmino fa lo nwa weine. Lo latlhetse tshiamo
fatshe, lwa gataka basokodi, lwa gobelela basiami
mme lwa tsaya madi a tsietso, lwa ganela batlhoki
toka. Lo tla jala moweine, mme baba ba lona
batla nwa weine, sesole sa lona se tla nyeletswa,
mme lo tsewe go nna makgoba nageng e sele.”
Modimo a re, “Ke tla nyeletsa
dialetare tsa Bethele, mm eke
gagole dintlo tsa lona tsa
mariga le tsa selemo. Lo
gobelela basokodi, lo tsaya madi
a tsietso, lo ikgatolose batlhoki.
Ke thibetse pula go na, ka
romela leuba le malwetse fela
la se sokologe. Lo jala masimo
a lona morara go dira weine,
fela ga lo kitla lo e nwa.
Mme, ke
tshwere ke tlala.
144
753 B.C.Moporofeta Hosea o ne a
ngola a re, “Iseraele o tla
nyeletswa ka tshaka, bana ba
gagwe ba otlagangwe fatshe,
baimane ba bulwe dimpa.”
“Tsatsi le etla moo Modimo o
tla mo itshwarelang dibe tsa
gagwe, mme a mo tlogele a
gololosegile, mme o tla boela
a tlhoge jaaka sethunya, a
tswelele jaaka setlhre sa
Moolefa, a nne le monkgo
wa Mosetara wa Lebanone.”
Dinyaga tse tlang, morago
ga Babilona, lo tla iswa
merafeng e sele mme bat
la lo bogisa, ba lo tseele
masimo, mme ga lo kitla lo
bona tulo ya go ikhutsa.Ba tsaya dilo tsotlhe.
Goreng ba sa re
tlogele re le bang?
Se se tla re direla letlotlo,
ga nkitla ke thaba go bona
BaJuta ba tsamaya. Ba re
diretse papadi e kgolo.Mme, re ile
go dula kae?
Bajuta botlhe ba
tshwanetse go fudua
nageng ena mo
malatsing a le mararo!
Go ya ka fa lengolong lena,
Bajuta botlhe ba tshwanetse go
tsamaya, mme ga lo kitla lo
tsaya sepe mo go lona.
Ke ntse ke ipatlela
kgomo ena.
Gonne morafe wa IseraeleBecause the
nation of Israel rejected the word of
God, they would be scattered to all the
nations of the earth, but they would
never find rest until God brought them
back to the land of their fathers.
THE
KIS
O
145
“Naga yotlhe ya Iseraele e tla direga
letlotla, mme lo tla direla kgosi ya Babilona
dinyaga di le some-supa. Fela morago ga
dinyaga di le some-supa ke tla otlhaya
Babilona ka ntlha ya dibe tsa bone, Ke
busetse masalelanageng ena go e aga.” “Jerusalema o tla
lebalwa, gore a
lemiwe jaaka masimo.”
Seporofeto se ne sa
diragala. Mmaba ka nnete
o ne a lema Jerusalema.
tempele e tla agiwa, mme
batho ba tla fologela teng.
“Mme bontsi bo tla ya teng, mme ba re, Tlayang, mme
re yeng thabeng ya MORENA, ntlong ya Modimo wa
Jakobo, mme o tla re ruta ditsela tsa gagwe, re
tsamaye tseleng ya gagwe: gonne molao o tla tswa
Sione, le lentswe la MORENA mo Jerusalema.”
“Mme o tla atlhola gareng go batho
ba le bantsi, le go kgalemela merafe
e thata e sa le kgole; mme batla
dira ditshaka tsa bone megoma,
marumo a bone dipetlwana, morafe
ga o kitla o tsholetsa tshaka
kgatlanong le o mongwe, mme ga
ba tlhole ba ithuta ntwa. Fela ba tla
dula mongwe le mongwe tlase go
setlhare sa moweine le sa mofeie:
gonne molomo wa Morena wa
Masomosomo o re jalo.”
Mme re tla tsamaya lebitsong la MORENA
Modimo wa rona ka bosakhutleng. Ka tsatsi leo,
go bua MORENA ke tla busa ba
phatlaladitsweng, mme ke tla dira morafe o o
thata: mme MORENA o tla ba busa thabeng
ya Sione go tloga jaanong go ya bosakhutleng.
146
Jeremia o ne a porofeta
Kgosi Hesekia o dirile bosula fa pele ga MORENA.
Ga a kitla a bolawa. O tla ya Babilona moo a tla
tshelang teng le batho ba gagwe, fela ga a kitla a
bona Babilona ka matlho. O tla foufadiwa. O tla
dula Babilona dinyaga di le 70.
E re fa dinyaga tseo di khutla,
Babilona o tla fengwa ke
batlhabani ba kwa bokone, mme
masaledi a khutlele nageng ena
go e aga le go aga tempele.
Morago go nako ya katlholo
Modimo o tla itshwarela dibe tsa
bone, mme jerusalema o tla agiwa
go ya tshikatshikeng yotlhe.
Tsaya lokwalo le nao kwa
Babilona, mme o le
buisetse batho, gore ba
itse gore ke eng seo ba
tshwanetseng go itshokela
sone pele ba khutla.
Ke tla busa sedulo sa Dafita, mme
lo tla boa lo dule nageng ya lona.
Ezekiele o ne a porofeta:
“Bat la phatlaladiwa merafeng
yotlhe, mme jaaka Modimo a
ba phatlalatsa o tla ba busetsa
gape lefatsheng lena.
O ne a tshepisa Aborahame gore peo ya gagwe
e tla dula mo nageng e ka bosakhutleng, mme
Modimo ga o kitla o dirolola tshepiso ya one,
Fela fa batho ba le bosula Modimo o tla ba
romela botshwaro moo bat la direlang medimo e
sele, mme kwa bokhutlong a ba busetse morago
147
“Egepeto o tla atlholwa ke
Babilona, mme e nne letlotla
dinyaga di le 40. Mme fa ba boa
botshwaro Babilona, ga ba kitla ba
nna matla jaaka pele, mme ba tla
itshoka go fitlhelela malatsi a bofelo
fa bone le Asiria ba kopana le
Iseraele foo ba tla dumelanang ka
kagiso, mme ke tla ba tshegofatsa.”
“Bafelesita ba tla nyelediwa gotlhelele, Fela
jwalo le Ashedode, Ekerone, le Ammone.
Edome ga a kilta a thlola a nna teng. Tire o tla
nyelediwa, mme majwe otlhe le dikota tsotlhe
tsa gagwe di latlhelwe lewatleng, mme ga go
kitla go dula motho teng, mme mobu wa gagwe
o nne jaaka lejwe le le boleta, moo batshwari
ba ditlhapi ba alang matloa a bone teng.”
Fela Peresia (Irane), Theki,
Ethiopia, and Libiya ba tla
dula go ya bokhutlong, moo
ba tla lekang go tlhasela
Iseraele, fela ba tla swamo
thabeng tsa Iseraele.”
Beibele e botlalo mme e tsepame diporofetong tsa
yone tse ngata. Metse e go neng ga porofetwa
gore e tla nyelela e ne ya etsagallwa jwalo, mme
merafe eo e neng e tshwanetse go tswelela go
fitlha ga jwale e na le rona le gompieno.
148
Ka 605 B.C. Iseraele
o ne a fenngwa ke
babilona jaaka
baporofeta a boletse.
Bajuta ba fetang 5000 ba ne ba
tsiswa Babilona jaaka batshwarwa ba
ntwa. Ba tsisa basha ba rutegileng, ba
akanya gore ba tla ba dirisa bogosing.
Mongwe wa bone ene ele Daniele. O
ne a tshola ditaelo mme a tsamaya
kobamelong Modimo wa Aborahame.
O Morena, re otlhaelwa dibe
tsa borraetsho. Re thuse go
obamela molao wa gago
lefatsheng la botshwaro.
Daniele e ne e le motshwarwa lefatsheng le
sele, fela a tsaya tshweetso go nna yo o
tshepagalang go Modimo. Batshwari ba gagwe
ba elellwa gore o na le mowa o molemo, mme
ba mmaya tulong ya batlhalefi ba Babilona.
Re a go leboga,
Morena wa legodimo le
lefatshe, kgosi ya lefatshe,
O dira gore lefatshe le
ntshe senkgwe.
Nebukadenesara, kgosi ya
Babilona, o ne a tsoswa
ke toro e sa tlwaelegang.
Bokao ba se ke eng?
Ka nnete toro e e
rometswe ke badimo
go senola bokamoso.
O monna yo o botlhale.
Wa re badimo ba go bolelela
dilo, jaanong mpotse toro ya
me le bokao ba yone.
Re ka go botsa jang
bokao ba toro, fa o sa
re botse toro? Ga go
ope yo o ka dirang
jalo fa e se badimo.
149
Ke itsile gore lo ba tsietsi
botlhe. Badimo gab a bue le
lona. Lo tla bolawa botlhe le
malapa a lona, dintlo tsa
lona di dirwe matlotla.
Intshwarele, Daniele, fela ka
moso wena le banna botlhe ba
botlhale lo tla bolawa. Kgosi ga a
tshepe baperesita ba gagwe.
Fela Jehofa a ka senola
toro le bokao ba yone.
Ke tshwanetse go rapela
ke le mongwe. Dira gore a
eme letsatsi le le lengwe.
MORENA, wena o le
nosi o Modimo le kgosi
ya lefatshe. O bontsha
batlhanka ba gago
dilo tse diragalang.
Ga go modimo yo
o tshwanang nao.
Ka bonako, nkise
kwa kgosing!
Fa o ka palelwa ke
go bolelela kgosi toro
eo, o tla mpolaya ka
nako eo.
O kgosi, o kgosi
ya dikgosi tsotlhe,
gonne Modimo wa
legodimo a go dirile
jwalo. O go neile
pono ya se tla
diragalang malatsi
a bofelo.
Modimo wa
boammaruri, modiri
wa lefatshe, o
senoletse motlhanka
wa gago toro.
Se senye nako ya me.
A o ka mpotsa toro ya
me kgotsa nyaa?
150
O Kgosi, o bone pono
ya setshwano se segolo,
mme e bonagatsa bogosi
ba gago le e meraro e
mengwe e tla latelang.
Ke nnete!
Ga ke a botsa ope!
modimo wa gago ke
Modimo a le esi.
Wena o tlhogo ya
gauta, kgosi ya dikgosi.
Pele o thopa Juta,
baporofeta ba rona ba ne
ba re bolelela gore
Modimo o tsile gore
atlholela dibe tsa rona
mme a go neele bogosi.
Jaanong bogosi ba gago e
tla nna bo galalelang.
Sefuba sa selefera se bua ka
bogosi bo bongwe, BaMedo le
BaPeresia. Morago ga loso la
gago, ba tla thopa Babilona mme
b abuse lefatshe jaaka o dirile.
O king, after the head...
[Picture of the statue, but unseen
Daniel is speaking] O kgosi, morago
ga tlhogo ya gauta le sefuba sa
selefera, o bone mala a khotlo. Khotlo
eo ke bogosi jwa boraro, Bagerika.
Ba tla latela BaPeresia mme ba nne
bonako le bogale.
Bogosi ba bone bo tla farologana le a
mangwe, maoto ke a tshipi mme a tla
tshwatla merafe e mentsi manathwana,
fela o bone gore menwana ya tshipi e
kopantswe le mobu. Mo malatsing a
bofelo bogosi bo tla arogangwa ga
lesome, mme bo koafale.
151
Mme, O kgosi o new a
bona lejwe le tswa thabeng,
fela le sa segwa ka seatla sa
motho, la kgokologa go tswa
thabeng la otla setshwantso
maotong, mme la nyeletsa
bogosi boo ka nakwana.
Lejwe ke Morwa
Modimo yo o tla
tlang lefatsheng,
mme a tlhome
bogosi ba gagwe
bo galalelang .
Mme bofelong ba nako,
baswi botlhe ba tla tsoswa ba eme
fa pele ga katlholo. Ba dirileng
bosula ba amogele botlhoko le
matlhabisa ditlhong a sa khutleng.
Ba entseng molemo ba amogele
bophelo bo sa khutleng.
Daniele a tswelela kwa Babilona dinyaga di le 68.
A senolola ditoro di le dintsi, le go bolela bokamoso
go le gontsi. Fela fa nako e tsweletswe kgosi
Nebukatenesara a swa, mme morwaagwe
Beleshazare a tsaya tulo ya gagwe.
Bosigo bongwe fa Beleshazare a na le moletlo
wa go nwa, ga bonala letsogo le ngola leboteng.
Mme Daniele a bitswa go senola mongwalo,
mme Modimo a mo neela kitso ya loleme loo.
O Kgosi, o leofile khatlanong le
Modimo, jaaka baporofeta ba boletse.
Bogosi ba gago bo tlositswe go wena
bosigong jo mme bo neetswe
BaMede le BaPeresia.
Baporofeta ba boletse pele gore Babilona o tla
nyelela gonne dikgoro tsa gagwe tse pedi di
bulegile gore mamba a tsene fa bone ba
tlhapetswe gore ba ka lemoga seo. Fa Daniele
a bua, mmaba o ne a tsena ka motse.
Kwa ntle ga pelaelo mantswe a
o a bolelang a tswa go Modimo.
O ne o ka itse toro ya me jwang
fa ese Modimo? Ke tla go dira
mmusi wa batlhalefi botlhe.
152
Fa BaMede le BaPeresia ba sena go fenya Babilona,
Daniele a elellwa lokwalo la kgale le ngodileng ke
moporofeta Jeremia—nngwe ya dibuka tsa beibele. Fa
a buisa a gakgamala go elellwa gore Modimo o boletse
pele gore botshwarwa e tla nna dinyaga di le 70.
Morago ga foo, masaledi a boele jerusalema go aga lobota le
tempele[Jer. 25:11-12; 29:10]. Fa a tsweletse go buisa a elellwa
gore dinyaga di le 200 pele ga foo, moporofeta o ne a neela
lebitso la kgosi ya Peresia yo o tla ba laelang go khutlela morago.
Sirase a golola BaJuta dinyaga di le 70 morago ga
botshwarwa ba bone, jaaka makwalo a buile batho
ba le 52,000 ba khutla go aga motse wa bone.
Jaanong ke dinyaga tse ka nnang
69…. Go setse ngwaga o le mong.
Sirase ke motlhanka wa Modimo,
yo o dirang thato ya Modimo. O tla
re laela gore re boele magaeng a
borona! A go bakwe wena, O
Morena, Kgosi ya lefatshe.
Jaaka Modimo o tshepisitse Aborahame, o re
neetse lefatshe le jaaka boswa bo sa khutleng. A
tsibosa borraetsho gore re tla neelwa matsogong
a baba ba rona fa re direla medimo e sele, fela a
tshepisa gore ga a kitla a lebala batho ba one.
Modimo o tshotse lefoko la one, jaaka re khutlile
re tshwanetse go mo obamela.
Re tshwanetse go
itokisa. Re tla aga
lobota pele, mme
morago tempele.
O Morena Modimo wa
Aborahame, o re khutlisitse
jaaka o tshepisitse.
Re rute go tsamaya
ditseleng tsa gago.
Ke tsisitse metsi. A re
simololeng mosebetsi.
153
Modimo o go bontsha se tla diragalang malatsing
a bofelo. O ne a bontsha Nebukatenesare
gore go tla nna le mebuso e mene. Jaanong ke e mebedi.
Morago ga fa, bogosi ba Medo-Peresia e tla nna jwa
Bagerika. Bo tla thopa ka bonako mme go se kgale bo
nyelele, bo arogangwe maphata a le mane, maphata a a
tla lwana go fitlhelela go sala a le mabedi. Ba tla lwana
jwalo go fitlhelela ba fenngwa ke bogosi ba bone,
bo kaiwang jaaka sebata sa tshipi.
Bogosi ba bone bo tla tshwana le tshipi, bo le matla
bo boitshega go feta mebuso yotlhe ya pele. E tla nyeletsa
botlhe, fela mo malatsing a bofelo o tla aroganngwa
dikarolo di le lesome, fela go tla nna le motho yo o bolelang
kagiso. Ke lonaka la bofelo le tswang tlhogong ya sebata.
Mo malatsing a bofelo o tla tsietsa a tshepise kagiso, fela a
thope a nyeletse. O tla tlhoma maila felong go boitshepo
tempeleng ya BaJuta, go e dira leswe, gore ditlhabelo di
khutle. Mme go tla latela nako ya mathata a magolo
lefatsheng lotlhe. Fela basiami ba tla pholosiwa.
Daniele o ne a tsofetse, jalo a se khutle le ba bangwe. O ne a tswelela go nna
mogakolodi wa dikgosi tsa Medo-Peresia bao bal eng mo Babilona. Modimo a
mmontsha dipono tse mmalwa ka ga bokamoso, go ya malatsing a bofelo. Torong
nngwe o bua ka sebata sa tshipi, mme moengele a mmolelela tshenolo ya yone.
154
Daniele, Modimo o batla gore o itse se tla etsagalang le gore leng.
Go simolola nako eo taolo e neng ya neelwa go ntshwafatsa le go aga
tempele, e tla nna dinyaga di le 483, morago ga foo Mesia o tla bolawa
ka ntlha ya tuelo ya maleo a batho, mme tempele e tla senngwa gape.
Modimo o new a bolelela Adamo le Efe gore peo ya mosadi e tla nyeletsa yo o bosola
. Modimo wa bolelela Noa gore Mesia o tla tswa lapeng la Sheme, eseng Jafete
kgotsa Hame. Modimo wa bolelela Aborahame gore mogolodi o tla tswa lotsong la
gagwe ka Isaka. Mme Modimo wa bolelela Isaka gore yo o tshepisitsweng o tla tla
ka morwaagwe Jakobo, mme a bolelela Jakobo gore Keresete o tla tlhaga ka Juta.
Seporofeto se se tla diragala, mme Mesia o tla tlodiwa. Dibe di tla
duelwa, mme tshiamo e e sa khutleng e tla tliswa go batho.”
Jaaka Daniele a ne a ngola, Jesu a dira lotseno lwa gagwe kwa
Jerusalema ka letsatsi leo dinyaga di le 483 di neng tsa phetagala ka lone.
Sekaria 9:9 A le boikobo a palame esele
Mika 5:2 Yoo tsamao ya gagwe e leng ya kgale, go tswa bosenang tshimologo."
Gen 49:9-10 Shilo, morwa Juta
Jesaya 7 Legammana
Jesaya 9:1-2 Galalia wa ditshaba. (Ga ya diragala seno go fitlhelela nako ya Keresete.)
Pesalome 22 Mesia yo o bogang
Jesaya 53 O tla ganwa ke batho ba one mme a swe ka go tlhajwa maoto le matsogo.
O tla kgwagediwa a sa apara, mme a nyorwe metsi, fela a neelwe motatsa go nwa. O
tla swa gareng go magodu a bolokwe lebitleng la monna wa mohumi.
Jesaya 42:1 ke tsenye mowa wa me mo go ene, mme a tsise katlholo go baditshaba
Jesaya 49:6 O tla nna lesedi la baditshaba, mme a ise pholoso go botlhe ba leng
lefatsheng.
Jesaya 42:2-3 Boikobo mo ponatshegong.
155
Diporofeto tsa Daniele ka ga mebuso e le mene din e tsa
phetagala jaaka a boletse, ka 330BC, Alexandere yo Mogolo,
go tswa Greece, a simolola motsamao wa ntwa, o tsereng
dinyaga di le supa, mmo a ileng a thopa lefatshe le itsagaleng,
esita le bogosi ba Medo-Peresia. Bagerika ba busa go fitlhelela
167 B.C. Fa bogosi ba bone ba lefatshe bo busa ebong Roma.
Roma eo torong ya Nebukatenesara e ne e na le maoto
a tshipi, torong ya Daniele e le sebata sa tshipi, ya
oketsa matla a yone le tulo ya yone, jaaka moporofeta a
ne a bua. Ka 5 BC ya busa Iseraele ka letsogo la tshipi.
156