2
L L L NWU GALLERY Lenaneo la Diatshe tse di Kgonang go Bonwa le na le dipontsho tse di nang le setlhopha sa batlhokomedi ba diatshe sa badiri ba diatshe ba ba tsayang karolo mo go sone go tswa kwa Aforikaborwa, Zimbabwe, Botswana, Fora le Greece. Gape le na le fomete ya lenaneo la nako e e fetileng e bile le boloka tekatekano fa gare ga ditlhogo tsa ga jaanong jaana tse di bonwang mo inta- setering eno. Gape go botlhokwa gore diatshe tsotlhe di fitlhelelwe ke babo- gedi botlhe ba tsone. Bontsi jwa diatshe mo lenaneong leno ke tse di rekisi- wang, mme tse di salang go kgabisiwa ka tsone mo MTN le mo YBB mme di naya babogedi ba tsone tšhono ya go bona diatshe tse di dirilweng ke badiri ba diatshe ba ba jaaka Diane Victor, William Kentridge, Bettie Cilliers-Barnard le Cecil Skotnes (fa re umaka ba sekae fela). Lenaneo leno le tla bontsha ditl- hamo tse di “ntšhwa” le go dirisana mmogo le babogedi ba rona ka mefuta e e farologaneng ya diatshe le maitemogelo a ba nnileng le one ka diatshe. presents MOTLHOKOMEDI WA DIATSHE: CHRISTINA NAURATTEL

MOTLHOKOMEDI WA DIATSHE: CHRISTINA … Galery/ArtKlop... · CURATORS: RIKA NORTJÉ & DANIEL MOSAKO FRENCH ARTIST PAUL BOULITREAU ARTISTIC PRODUCER: ... tse di neng tsa baka tshenyo,

Embed Size (px)

Citation preview

Page 1: MOTLHOKOMEDI WA DIATSHE: CHRISTINA … Galery/ArtKlop... · CURATORS: RIKA NORTJÉ & DANIEL MOSAKO FRENCH ARTIST PAUL BOULITREAU ARTISTIC PRODUCER: ... tse di neng tsa baka tshenyo,

LLL

NWUGALLERY

Lenaneo la Diatshe tse di Kgonang go Bonwa le na le dipontsho tse di nang le setlhopha sa batlhokomedi ba diatshe sa badiri ba diatshe ba ba tsayang karolo mo go sone go tswa kwa Aforikaborwa, Zimbabwe, Botswana, Fora le Greece. Gape le na le fomete ya lenaneo la nako e e fetileng e bile le boloka tekatekano fa gare ga ditlhogo tsa ga jaanong jaana tse di bonwang mo inta-setering eno. Gape go botlhokwa gore diatshe tsotlhe di fitlhelelwe ke babo-gedi botlhe ba tsone. Bontsi jwa diatshe mo lenaneong leno ke tse di rekisi-wang, mme tse di salang go kgabisiwa ka tsone mo MTN le mo YBB mme di naya babogedi ba tsone tšhono ya go bona diatshe tse di dirilweng ke badiri ba diatshe ba ba jaaka Diane Victor, William Kentridge, Bettie Cilliers-Barnard le Cecil Skotnes (fa re umaka ba sekae fela). Lenaneo leno le tla bontsha ditl-hamo tse di “ntšhwa” le go dirisana mmogo le babogedi ba rona ka mefuta e e farologaneng ya diatshe le maitemogelo a ba nnileng le one ka diatshe.

presents

MOTLHOKOMEDI WA DIATSHE: CHRISTINA NAURATTEL

Page 2: MOTLHOKOMEDI WA DIATSHE: CHRISTINA … Galery/ArtKlop... · CURATORS: RIKA NORTJÉ & DANIEL MOSAKO FRENCH ARTIST PAUL BOULITREAU ARTISTIC PRODUCER: ... tse di neng tsa baka tshenyo,

Mantaga 3 Diphalane, 16:00Di simolola kwa Tshingwaneng ya Dimela ya YBB (Ba ba ka fa tlase ga dingwaga di le 18 ga ba amogelwe)Ditekete ke R150 motho a le mongwe (di lekanyeditswe)

TPontsho eno ya Diatshe ya ngwaga le ngwaga e e rategang thata ke tšhono ya gago ya go bona pele Lenaneo lotlhe la Diat-she tse di Kgonang go Bonwa. Gape dipontsho tseno ke pulo ya semmuso ya Moletlo. Tlhwatlhwa ya ditekete e akaretsa dijo tse di motlhoswana le diseneke tse motho a tlileng go nna a kopana le tsone mo tseleng. Tota diatshe di ka bogelwa jang kwantle ga go nwa waena? Kopanela le rona mo go ketekeng ntlhakgolo eno ya ngwaga le ngwaga mo lenaneong la Aardklop.What would art be without lots of wine too? Join us for this annual highlight on the Aardklop programme.

Mosepele wa go bona diatshe wa Lenaneo la Diatshe tse di Kgonang go Bonwa o simolola letsatsi le letsatsi kwa ho-long ya Sanlam ka 09:30 mme o felela kwa Lefelong la Di-pontsho la Diatshe la YBB ka 11:00.

Fa go simololwang gone Lefelo la Dipontsho la Diatshe la YBB09:30, 4-7 DiphalaneBana ba dingwaga go simolola ka tse 6-10 (20 ya bone) Mosepele wa go bona diatshe o felela kwa Lefelong la Dipontsho la Diatshe ka 12:30

Fa go simololwang gone Lefelo la Dipontsho la Diatshe la YBB10:30, 4-7 DiphalaneBaša ba dingwaga go simolola ka tse 11-15 (20 ya bone) Mosepele wa go bona diatshe o felela kwa Lefelong la Dipontsho la Diatshe la YBB ka 13:30

Moletlo wa Diatshe wa Aardklop wa 2016 o bulela bana le baša tšhono ya go bona diatshe ka kakaretso le go tlhagolela lerato le kanaanelo segolobogolo ya diatshe tse di kgonang go bonwa. Ka mokgwa o mo ntšha wa go dira dilo le bot-samaisi jwa Aardklop, re kgonne go tsepa mogopolo mo babogeding ba bannye, ditlhoko tsa bone le mo go se se leng botlhokwa mo go bone. Morago ga moo bana ba tla patwa mo mosepeleng wa Go Bontshiwa Diatshe wa mafelong a le 10 a tsone mo Khamphaseng ya Potchefstroom ya YBB. Ba tla tsamaisiwa ke Baithuti ba ba Katisiwang ba le mo tirong ba Lefelo la Dipontsho la Diatshe.

• R75 ngwana ka mongwe (Madi a a kompa a go duelela lelapa lotlhe fa bana ba ya dipontshong mmogo ka nako e le nngwe: Ngwana wa bobedi R50; ngwana wa boraro R40; ngwana wa bone R30 morago ga moo, ba tsena mahala)

* Tlhwatlhwa e akaretsa pakana ya Ditirwana e e nang le diseneke tse di mot-lhoswana le metsi mmogo le e e tlhamilweng buka ya ditirwana ya thuto, e go direlwang ditirwana dingwe tse di monate mo go yone kwa pontshong nngwe le nngwe.

Azaria Mbatha, Bettie Cilliers-Barnard, Cecil Skotnes, Charles Lapicque, Christiaan Diedericks, Christine Dixie, Christo Coetzee, Christophe Miralles, Claudette Schreuders, Daniel Tsietsi (Stompie) Selibe, Deborah Bell, Diane Victor, Dumisani Mabaso, Durant Sihlali, Fabien Claude, George Boys, George Pemba, Giulio Tambellini, Gordon Froud, Gordon Mbatha, Hanneke Benadé, Irma Stern, Jackson Hlungwani, Jean Pons, Joachim Schönfeldt, Judith Mason, Justin Dingwall, Katala Fulai (Flai) Shipipa, Kay Hassan, Kwesi Owusu-Ankomah, Maggie Laubser, Marjorie Wallace, Maureen Quin, Minette Vari, Nomusa Makhubu, Noria Mabasa, Paul Boulitreau, Pippa Skotnes, Richardt Strydom, Robert Hodgins, Sam Nhlengethwa, Sandile Goje, Sue Williamson, Tsietsi Matubako, Vuminkosi Zulu, Vuyisani Mgijima, Willem Boshoff and William Kentridge

DIPONTSHO TSA DIATSHE

MOSEPELE WA GO BONA DIATSHE

DIPONTSHO

DIPONTSHO TSA DIATSHE TSA BANA

FIGURATIVELY SPEAKING

THE MODERN CONDITION

#SITDITAF

URBAN IMPRESSIONS

SAADJIES

CROSSING BORDERS

DIVINE

FILMVERSE II

TIRO

BENDING LIGHT

BO

NA

SIE

NLO

OK

LOOK

Selected works from the NWU & MTN art collections

Solo exhibition

Group exhibition

Group exhibition

Group exhibition

Group exhibition

Solo exhibition

Poetry animation project

Group exhibition by Botswana artists

Curated by the NWU Gallery

CURATORS: CHRISTINA NAURATTEL & TIINA LIEBENBERG

POTCHEFSTROOM ARTIST JODY OLËN

CURATOR: HEIDI ERDMANN

CURATOR: ELANI WILLEMSE

CONVENOR: PIETER MATHEWS

CURATORS: RIKA NORTJÉ & DANIEL MOSAKO

FRENCH ARTIST PAUL BOULITREAU

ARTISTIC PRODUCER: DIEK GROBLER | ATKV CURATOR: RIKA NORTJÉ

CURATOR: SANDI BAKER

ARTISTS KLEONICKI VANOS & LOTHAR BÖTTCHER

Vivienne Art Gallerie - Paris

VENUE: NWU GALLERY

VENUE: NWU BOTANICAL GARDEN GALLERY

VENUE: SANLAM AUDITORIUM

VENUE: ALUMNI HALL

VENUE: ALUMNI HALL

VENUE: ALUMNI HALL

VENUE: ALUMNI HALL

VENUE: ALUMNI HALL

VENUE: ALUMNI HALL

VENUE: DIE BLOU GALLERY

BADIRI BA DIATSHE BA BA TSAYANG KAROLO

SE

E A

RT/

SIE

N K

UN

S/B

ON

A A

RT

4 go fitlha ka 8 Diphalane 09:00–17:00

Tirisanommogo eno ya dipontsho e kopanya diatshe tse di koko-antsweng tsa MTN le diatshe tse di kokoantsweng tsa YBB go bo go batlanwa le bokao jwa tsone jo bo raraaneng mo setshwant-shong sengwe le sengwe ka go se leba. Ka tlhaloganyo e nngwe, tshwantshetso e raya setshwantsho, ka tlhaloganyo e nngwe e sele, ke tshwantshiso ya mmele wa motho kgotsa sedirwa se e leng motho. Go ya ka tshwantshiso, atshe e bontsha gore mmele wa motho o na le bokao jwa setlamo se se rulagantsweng sa tl-hamo ka boyone. Mmele wa motho o ka nna le bokao jono mo mmeleng wa setshwantsho se se setilweng, setshwantsho se se takilweng kgotsa se se thadilweng, go bontsha popego e e tlhaole-gang kgotsa karolo nngwe mo teng ga atshe e e supetsang mmo-gedi sengwe ka ditshwantsho kgotsa ka mmele. Ka sekai, diatshe tse di jaaka tsa ga Durandt Sihlali Looking in (Paddavlei) Kliptown (1974) [Diatshe tse di Kokoantsweng tsa MTN] le tsa Tsietsi Prog-ress Matubako Thy dignity (1992) [Diatshe tse di Kokoantsweng tsa YBB] di bontsha dipopego le dikarolo tse di kgonang go tlhao-lega. Ka fa letlhakoreng le lengwe diatshe tse di nang le ditshwant-sho jaaka tsa ga Tony Nkotsi The Shock (1997) [Diatshe tse di Kokoantsweng tsa MTN] le tsa ga Christo Coetzee David (1986) [Diatshe tse di Kokoantsweng tsa YBB], lemororo setshwantsho sepe kgotsa mmele o o mo go tsone o tshwantshitswe ka tsela e e manontlhotlho, di bontsha setshwantsho kgotsa mmele/motho.

Jaaka fa diatshe tseno di bontsha, ka tsela ya tshwantshetso, polel-wana (ka tsela ya mmatota le/kgotsa ya tshwantshetso) e tlhagisa mefuta e le mmalwa ya bokao mme e tsosa metlotlo e meša fa gare ga mefuta e mebedi ya diatshe tse di kokoantsweng le fa gare ga diatshe tse di kgethegileng fa gare ga diatshe tseno tse di koko-antsweng. Mefuta e e farologaneng ya bokao jo bo raraaneng jwa polelwana gape e tlhalosa bokao-kakaretso le go dira gore go tsh-warwe motlotlo o o mosola ka mathata a a tshwantshitsweng (gon-gwe a mmatota kgotsa a tshwantshetso) ke badiri ba diatshe mo mefuteng e mebedi eno ya diatshe tse di kokoantsweng.

“Ke rata go gwetlha tsela e batho ba lebang dilo ka yone e e farologanang le e tota di leng ka yone. Go tshwantsha le go ijesa dijo tsa ditoro, tse tota di fetolang boammaaruri go nna maaka mo lefatsheng la maitirelo le go seng sepe se se boammaaruri mo go lone. Go mekamekana le ditso tse di sa dumalaneng malebana le katlego e e tlisiwang ke go nna le dithoto le go dira kwantle ga go ipona tsapa ka gope, go bontsha tsela e batho ba nnang ba ikganetsa ka yone ka metlha. E bile ke solofela gore ke tla kgona go naya batho sebaka sa go bogela bontle jo bo ntseng bo fitlhegile jwa lebopo. Tiro ya me e senola ka fa keletso ya rona ya go ikokoanyetsa dikhumo e hu-manegisitseng mewa ya rona ka gone le go dira gore re se ka ra tlhola re nna le nako gotlhelele ya rona le ya batho ba bangwe. Motseletsele wa me wa setlhogo se se reng “Boemo jwa Segompieno” o dira gore re itshekatsheke ka go dirisa maboko, dinopolo, mmino le mafoko a dipina. Ke amilwe thata ke mathata a tikologo, mme ke bontsha seno ka selekanyo se sennye. Ke tla ke gopola kwa morago fa maje a ne a sa ntse a tobetsega, ke dirisa masaitsiweng le go ijesa dijo tsa ditoro go tlhalosa dikgang dingwe gangwe le gape, tse di ntlhotlheletsang. Go tla go ntse go tlhaga bokao jo bo boteng jo bo tlhokang go lemogwa mo diatsheng tsa me, jo bo batlang gore mmogedi a bone se se fetang fela diatshe tse a di lebileng. Diatshe tsa me di batla go le gontsi mo mmogeding; go akanyetsa kwa teng, go gokaganya dikarolwana tsa atshe, se ke solofelang gore se tla dira gore a tsibogele se a se lemogang.”

Jody o belegetswe kwa Johannesburg ka 1969, o ne a ithutela tiro ya Go Dira Ditshwantsho ka Khomphiutha le ya Go Tsaya Ditshwantsho kwa Thek-enikhoneng ya Khutlotharo ya Lekwa pele a nna modiri wa diatshe wa nako e e tletseng. Jody, e leng mmaagwe bana ba bararo, o amiwa thata mo mai-kutlong ke mathata a tikologo le a loago. O rotloediwa ke mmino, poko le ke ditshwantsho tsa dibuka tsa bana; mme o solofela gore nako nngwe o tla kgona go dira ditshwantsho tsa dibuka tsa bana. O dira ka dilo tse di farolo-ganeng, go akaretsa le oli le ka letsela le go takiwang ditshwantsho ka lone, pene le enke, magala le ka dilo tse dingwe tse di farologaneng; e bile o dirile dipontsho le badiri ba diatshe ba ba tumileng ba ba akaretsang Diane Vic-tor, Helena Hugo & Angus Taylor. Jaanong Jody o nna kwa Potchefstroom.

Fa ke ne ke lalediwa go nna motlhokomedi wa dipontsho tsa diatshe mo moletlong wa teng kwa Potchefstroom, mogopolo wa me o ne wa mpolelela ka bonako gore ke ka se kgone go dira jalo. Eno ke toropo e yunibesiti e leng mo go yone mme ka 2015 dikhamphase tsa yunibesiti mo nageng yotlhe di ne tsa nna le dikhuduego tse di seng kana ka sepe tse di neng tsa baka tshenyo, mme mo makgetlong mangwe, go ne ga khanselwa ditlhatlhelelo le ditlhatlhobo mme tsa busediwa morago. Hisitori e e tletseng mathata ya Aforikaborwa le ya go dirwa ga dikhu-duego e rekotilwe mo lenaaneng le le telele la diatshe tse di bontshang dikhuduego. Ga go na pelaelo gore, fa nako e ntse e tsamaya, badiri ba diatshe ba ba santseng ba le magorogomaša ba gompieno ba tla tlhagi-sa ditiro tsa atshe tse di tshwaelang ka dikhuduego tseno tsa bošeng tsa yunibesiti. Mo pontshong eno, ke tlhophile ditiro tsa atshe tse di tlotlang ka setlhogo seno, le fa gone e le tsa hisitori.

Setlhogo sa pontsho eno ke setlhogo sa pina, Sit Dit Af (e time) e e kwadilweng ke Johannes Kerkorrel wa bente ya Die Gereformeerde Blues Band. Mo kgannyeng eno, e golagana le mokgatlho wa 1989 wa Voelvry; khuduego eno, e e tlhagisiwang ka mokgwa wa dikonsarata tsa mmino mo nageng yotlhe, e ne e eteletswe pele ke diopedi tsa Sea-forikanse kgatlhanong le puso ya apareteiti ya nako eo. Gape setlhogo seno se lebisa go kganelo ya kgaso ya dintlha dingwe e e neng ya tlisi-wa ke Kgaso ya Bosetšhaba ya Aforikaborwa 2016.

Dikarolo tse dikgolo tsa pontsho eno ke dikhuduego, ditshwantsho tse di takilweng tsa mafelo le matshwao a boitshupo. Mo karolong ya dikhu-duego, go dirisitswe dinepe tsa ga Tim Hopwood, tse di tserweng kwa konsarateng ya Voelvry kwa Port Elizabeth ka 1989. Go tsentswe dit-shwaelo tsa ba bangwe ba babedi ba ba itsegeng thata ba ba neng ba lwa kgatlhanong le apareteiti e leng Manfred Zylla, le Dathini Mzayiya yo mmotlana, yo o itsegeng ka ditiro tsa gagwe tse di maatla tsa Kgailo ya kwa Marikana.

Mo setlhopheng sa go ikemela ka nosi le boitshupo ke tlhophile bidio e e dirilweng ke motsaya-dinepe yo o itsegeng kwa dinageng di sele, e leng Lindeka Gloria Qampi, ya setlhogo se se reng Inside My Heart (Mo Teng ga Pelo ya Me). Bidio ya Colour Man ya moalogi wa bošeng jaana yo o ithutetseng diatshe le go di tlhama e leng Rory Emmett, le dinepe tsa moithuti wa diatshe e leng Aaron Samuel Mulenga di oketsa ka dit-shwaelo tse di oketsegileng mo karolong eno. Bert Pauw, yo le ene e leng moalogi wa bošeng jaana wa diatshe, wa setshwantsho se se setil-weng sa setlhogo se se reng, Deadlock, o re bolelela ka fa boitshupo le khuduego di golaganang ka gone. Motseletsele wa dinepe tsa ga Niklas Zimmer, All Fall Down di bontsha tirisano mmogo ya rona jaaka batho mo tikologong/mo setshwantshong sa rona se se takilweng. Bat-aki ba babedi, Debbie Loots le Agnes Heinz le motsayadinepe, tiro ya ga Carla Erasmus e re naya tebego ya setshwantsho se se takilweng; mme se bontsha lefelo le re tshelang botshelo jwa rona mo go lone.

Heidi Erdmann ke motlhokomedi wa ditshwantsho tse di takilweng le motlhami wa Erdmann Contemporary & The Photographers Gallery ZA, kwa Cape Town, mo Aforikaborwa. Gape ke morulaganyi wa Lenaneo la Dipontsho kwa Chavonnes Battery Museum kwa V & A Waterfront kwa Cape Town.

Diatshe tse di Kokoantsweng tsa FOUND di akaretsa mokgatlho wa badiri ba diatshe ba ba sa ntseng ba le magorogomaša le ba e leng bogologolo ba le mo tirong eno ba ba tlhamang dipontsho le ditšhono tsa tirisanommo-go ka go tshwara dipontsho mo mafelong a a sa tlwaelegang a setoropo. Batlhami ba ba nang le bokgoni bano ba ba tswang kwa Pretoria ba batla go tlhomolola atshe le go lwantsha megopolo e e sa siamang ka atshe le go tlhomolola seabe sa yone mo Motsengmošate. FOUND e tsamaisiwa ke ba-diri ba diatshe bao go oketsega ga badiri ba diatshe ba ba nang le bokgoni go tlileng go ba solegela molemo mo Pretoria. E dira jaaka setlamo se se sa direng porofete se boikaelelo jwa sone e leng go tsosolosa mafelo a diat-she a toropo, go golaganya badiri ba diatshe ba toropo eno, le go tlhabolola bokgoni jwa bone jwa go tlhama go dira gore ba ntshe bokgoni jotlhe jo ba nang le jone. FOUND e ikemiseditse go ruta tiro ya diatshe ka tirisanommo-go, go rutana bokgoni le go naana kitso ya kafa tiro eno e dirwang ka gone le go tlhama ditšhono tse di tla bulegelang badiri ba diatshe segolobogolo mo Pretoria.

Badiri ba diatshe ba ba golaganeng le mokgatlho wa Diatshe tse di Koko-antsweng tsa FOUND ba akaretsa: Allen Laing, Banele Khoza, Celeste Theron, Dylan Graham, Elbie Erasmus, Franli Meintjies, Hickley Hamman, Heidi Fourie, Jotam Schoeman, Maaike Bakker, Marika Pretorius, Mashudu Michelle le Grange, Nevhutalu, Nina Torr, Oliver Mayhew, Thabo Pitso, le ba bangwe.

Mogopolo o o tlogelwang o na le one: phelelo e e nonofileng e e tlhagisi-wang mo mogopolong wa gago, mo maikutlong, mo segakoloding, jj.; phelelo ya ntlha le ya ka bonako ya maitemogelo kgotsa kakanyo mo mo-gopolong; boikutlo; phelelo e e nnang gone e bakwa ke sengwe kgotsa ke tlhotlheletso; kgopolo, go gakologelwa, tumelo, jj., gantsi e le e e at-labetseng kgotsa e e sa tlhaloganyesegeng; letshwao, go khobetsega, go go bakwang ke kgatelelo; setshwantsho mo mogopolong se se bakwang ke sengwe kwa ntle ga one; kgato ya go gatelela; go gatelelwa.

Motsesetoropo: O amana le toropo kgotsa motse. Urban Impressions ke tirisanommogo ya badiri ba diatshe ba dirutwa tsa mefuta e e farologaneng ya diatshe, e mo go yone diatshe tse di kgonang go lejwa di beilweng gaufi le fa go tshamekelwang mmino wa tlelasiki gone le go tsewa ga dibidio.Konsarata eno e ne ya simolowa ke batlhami e leng Franco Prinsloo le Pi-eter Bezuidenhout bao, fa ba ne ba nna kwa Sunnyside, ba neng ba utlwa medumo e e farologaneng ya diletswa. Moagelani wa bone a letsa okene, setlhopha sa mmino se opela mo kerekeng go kgabaganya mmila wa bone, tlelapa ya maitiso a bosigo gaufi le bone, dilo tseno tsotlhe e ne ya nna tse “Sunnyside suites” e neng e tla tswa mo go tsone – motswako wa diletswa tse di ikuelang go ditemotshi tsa bone mo Bogareng jwa Toropo ya Mo-tsemošatse.

Urban Impressions e sekaseka dikarolo tse di farologaneng tsa botshelo mo toropong: go thujwa ga difikantswe, go agiwa ga difikantswe tse dintšha, go onala ga dikago tsa toropo le go tsosoloswa ga tsone, banni ba toropo le botshelo-kakaretso jwa letsatsi le letsatsi. Badiri ba diatshe ba tla ka mai-temogelo a ba nang le one a botshelo mo toropong, segolobogolo jwa mo Pretoria. Ka go tla ka diatshe tsa dipopego tse di farologaneng, ditlhaloso le maitemogelo, pontsho ya diatshe e bontsha dipharologano tsa ditshwant-sho tse di takilweng, tebo ya toropo, botshelo jwa mo mebileng, modumo wa mmino, modumo, hisitori le setso.

Ka tlhaloso nngwe le nngwe, go tsenngwa bokao jo bo ntšha jo bo tsosang dikakanyo tsa nako e e itumedisang e e fetileng le kutlobotlhoko mo mmo-geding.

Elani Willemse (1986) ke motsamaisi yo o tlhagafetseng wa diatshe le motlhokomedi wa ditshwantsho tse di takilweng yo ga jaanong jaana a thapilweng jaaka Motlhankedi wa Ditlhaeletsano wa Setlamo kwa Dionysus Sculpture Works, koo gape a dirang jaaka seatla sa moseta-ditshwant-sho yo o tumileng wa Aforikaborwa e leng Angus Taylor gone. O weditse Dikirii ya Masetase ya gagwe ya Hisitori ya Diatshe kwa Yunibesiting ya Bokone-Bophirima (YBB), Khamphase ya Potchefstroom ka 2013. O ne a le Mothusa-Motlhokomedi wa Ditshwantsho tse di Takilweng kwa Lefelong la Dipontsho la Diatshe la YBB, gape o ne a le mmenejara wa Diatshe tse di Kokoantsweng tsa YBB.

Ke bogologolo a ntse a dira ka diatshe, a le Mmenejara wa Tsamaiso-Ka-karetso ya Lenaneo la Clover Aardklop la Diatshe tse di Kgonang go Bonwa go simolola ka 2011 go fitlha ka 2012, go okamela kgaisano ya diatshe ya baša e e neng e duelelwa ke ATKV le go okamela go kwalwa ga Kgatiso ya Go Kokoanngwa ga Diatshe tsa YBB ya setlhogo se se reng Go leba kwa morago re ntse re ya kwa pele. O nnile motlhokomedi wa mafelo a a farolo-ganeng a dipontsho tsa ditshwantsho tse di takilweng, ya bošeng jaana e ne e le ya pontsho ya ditlhopha tsa tsone ya kwa Dionysus Sculpture Works ya setlhogo se se reng TACIT go tshwaya dingwaga di le 20 fa e sa le setu-dio se tlhomilwe ke Angus Taylor.

O rata diatshe fela thata e bile o dumela gore ke tsone karabo ya mathata otlhe a lefatshe. O rata go dira mo diporojekeng tse di dirwang mo baag-ing, mme bošeng jaana o nnile le seabe mo porojekeng ya Cool Capital DIY Guerrilla Biennale, a okametse Foundry Day le go nna motsamaisi wa poro-jeke ya PPC Public Benches, e e neng ya ikgapela Awate ya Tlhamosešwa ya BASBA. Gape ke leloko la Porojeke ya Setlhopha sa Mmino wa Hori-zons, setlhopha sa mmino sa kwa Pretoria sa mmino o o tlhamiwang ke motlhami yo mmotlana wa mo lefelong leo, yo gape a tlhamang mmino wa khorale fa a sa dire sepe.

Saadjies, porojeke ya go dira ditshwantsho tse di setilweng ya 2016 ya Cool Cap-ital, ke porojeke ya ditshwantsho tse dinnye tse di kokoantsweng tse di takilweng tse di senang motlhokomedi wa tsone tse di emang kgatlhanong le kgopolo e batho ka kakaretso ba nang le yone ya gore ditshwantsho tse di setilweng tse di mo pont-sheng e tshwanetse go nna tse dikgolo tsa leruri. Tumalanong le setlhogo sa ngwa-ga ono sa Cool Capital se se reng “di dikgolo le fa di le dinnye”, Saadjies e ntsha bosupi jwa gore ditshwantsho tse di setilweng tse dinnye tse di nang le molaetsa o o maatla le tsone e ka nna tse di maatla tota. Setlhogo sa Saadjies (dipeo kgotsa diphotlhwa) se gatelela gore tiro e nnye ya atshe e ka fitlhelela dipholo tse dikgolo, fela jaaka peo e nnye ya sephotlhwa e ka gola go nna setlhare se se boitshegang. Jaaka pontsho e e etelang mafelo a a farologaneng, Saadjies e romela bokgoni jwa go tlhama jwa mo Aforikaborwa kwa dinageng di sele ka tsela e e farologanang le e ka gale e leng ya go dirisa lefelo la dipontsho la diatshe, go letla dikgopolo tse di tlhalosiwang mo diatsheng go fetisediwa kwa go ba bangwe gore di anamele kwa bathong ba bantsi ba ba tlang go di bona.

Porojeke ya ditshwantsho tse di setilweng e ne e bulegetse modiri wa diatshe ope yo o batlang go tsaya karolo mme go ne go amogelwa diatshe tsotlhe tse bogolo jwa tsone e leng jwa 18cm x 18cm x 18cm gore e nne tse di kokoantsweng. Re dumela gore mofuta wa pontsho eno o letla porojeke eno go nna e e tlhalosang ka botlalo pontsho ya diatshe tsa segompieno tsa Aforikaborwa le go dira gore tiro eno e nne e e bulelang botlhe ditšhono ka go lekalekana.

Porojeke ya ditshwantsho tse di setilweng, tse di neng tsa ngoka badiri ba diat-she ba le mmalwa ka bonako ba ba tswang mo maemong otlhe a botshelo, e na le ditshwantsho tse di takilweng di le 70+ mme e tlhalosa ditlhogo tsa mefuta e e farologaneng. Saadjies e tserwe dinepe kwa mafelong a mantsintsi a setoropo, go akaretsa le kwa Pretoria, Venice, Amsterdam, Leiden, Paris, Berlin and Beijing, gore e nne letsholo le legolo la mmedia wa botsalano #saadjies. Dinepe, tse di tserweng ke baporofešenale le ke bomagogorwane, ga di bontshe diatshe fela, mme gape di tsosolosa kgatlhego mo setshwantshong se se takilweng sa motsesetoropo. Ditshwantsho tse di takilweng tseno di tla bontshiwa mo mafelong a a farologaneng mo nageng ya rona le kwa dinageng di sele. Pontsho e e tlileng go dirwa kwa Le-felong la Dipontsho la Diatshe la YBB e e leng karolo ya meletlo ya Aardklop, e tla dirwa morago ga go bulwa ga lefelo la dipontsho la diatshe ka di 22 Lwetse kwa ntlong ya ga Anton van Wouw kwa Pretoria.

Pieter Mathews ke ene a tlhamileng Mathews and Associates Architects, setlamo se se gapileng diawate di le mmalwa kwa Pretoria kwa Aforikaborwa. Ke moithuti wa nako e e fetileng wa Yunibesiti ya Pretoria mme o ne a katisediwa tiro eno kwa London mme morago ga moo a tsaya maeto go ya kwa mafelong a mangwe a lefat-she. O ne a nna Poresidente wa Setheo sa Pretoria sa Go Dira Dipolane tsa Kago go simolola ka 2013 go fitlha ka 2014. Ka 2013 mokgatlho wa Andrew W. Mellon o ne wa laletsa Pieter go nna leloko la setlhopha sa patlisiso go tswa kwa Yunibe-siting ya Pretoria gore a etele mafelo a dipontsho tsa diatshe a a farologaneng le dimusiamo kwa New York le kwa mafelong a a gaufi le yone. Ka 2014 Pieter o ne a rulaganya guerrilla biennale ya ntlha ya lefatshe lotlhe e e senang batlhokomedi, ya Cool Capital, e ga jaanong jaana e bontshiwang kwa Dipontshong tsa Go Dira Di-polane tsa go Aga tsa Boditšhabatšhaba kwa Venice Biennale. Ka metlha o dira tiro ya go nna motlhatlhobi wa kwa ntle kwa dikolong tse di farologaneng tsa Go Dira Dikago tsa Go Aga tsa Aforika, e bile o gatisitse dibuka di le pedi tse di atlegileng ka kgopolo ya go dira dipolane tsa go aga: Ntlo e e Feletseng e e Thadilweng mo Khomphiutheng Gape o diretse Southern Guild fenitšhara ka mokgwa o ba e batlang ka one - badiri ba ditshwantsho tse di setilweng ba ba tumileng thata ba Aforikaborwa.

Pieter o ne a nna motlhokomedi wa ditshwantsho tse di takilweng le go rulaganya porojeke ya Saadjies ka thuso ya ga Carla Taljaard le Jana Kruger wa Mathews and Associates Architects.

Kwa tshimologong, pontsho ya Crossing Bor-ders e ne ya tlhamelwa Moletlo wa 2016 wa Sanaa Africa mme e ne e etleediwa ke MTN Foundation. Tumalanong le maikaelelo a a logetsweng maano a Sanaa Africa, re ne ra tlhopha badiri ba diatshe ba ba bontshang Boaforika jwa bone jo bo tlhomologileng ka go tlhama dingwao tsa bone tsa setso, kitso le ditalente le go di abelana le ba bangwe. Ba-diri bano ba diatshe ke ba dipuo le ditso tse di farologaneng – ba dira patlisiso e seng ka ditso le dingwao tsa bone fela, mme le ka tsa ba bangwe. Badiri ba diatshe ba ba tswang kwa dinageng tsa Kgaolo e e ka fa Borwa jwa Kontinente ya Aforika le bone ba ne ba kop-iwa go atleega diatshe tsa bone. Botlhe ba dirisa dimmedia tse di farologaneng tsa atshe go tlhalosa pono le maikutlo a bone ka go nna Baaforika le go keteka seno – go sa kgath-alasege lotso, dingwaga tsa bogolo kgotsa bong.

Rika Nortjé (neè Stockenström) o belegets-we le go godisediwa kwa Kimberley kwa Kapa Bokone. O ne a iponela Dipoloma ya Bosetšhaba ya Go Bopa ka Letsopa le le Om-eleditsweng kwa go se ka nako eo e neng e le Thekenikone ya Foreisetata ka 1998. O ne a ruta kwa Kimberley Art Centre dingwaga di le pedi pele a tlhomiwa kwa William Humphreys Art Gallery ka 2003. Fa a le koo, o ne a fetsa dingwaga di le 12 a le Moeteledipele wa Di-porojeke tsa Atshe, e leng nako e ka yone a neng a nna le B. Tech ya Go Bopa ka Letso-pa le le Omeleditsweng kwa Nelson Mandela Metropolitan University le Dikirii ya Master of Arts (Art History) kwa KwaZulu-Natal Univer-sity. Ka 2015 o ne a nyalwa mme moragon-yana a fudugela kwa Johannesburg go ya go nna le monna wa gagwe. Ga jaanong jaana o dira tiro ya go tsosolosa didirwa tsa letsopa le le omeleditsweng, e bile o ipereka ka tiro ya botsamaisi jwa go kokoanya diatshe le go nna motlhokomedi wa tsone.

Daniel Rankadi Mosako o belegwe ka 1970 kwa Soweto - Johannesburg, o ithutetse Bota-ki mme a nna le Dikirii ya Onase ya Hisitori ya Diatshe; Dikrii ya Onase ya Saense ya Tshed-imosetso; Dipoloma ya Morago ga Kalogo ya Dithuto tsa Mmusiamo le Boswa; le Dikirii ya Masetase ya Botaki mo mokgeleng wa gagwe wa akatemi; mme ga jaanong jaana o ikwa-diseditse dikirii ya PhD ya hisitori ya atshe kwa UNISA.

O ne a ruta dithuto tsa diatshe kwa ditheong tsa thešiari e bile e le Motlhami wa Ditsh-wantsho ka Khomphiutha mo lefapheng la tsa tlhaeletsano le la bobegadikgang pele a nna Motlhokomedi wa Mmusiamo wa Pretoria go simolola ka 2008 go tla go fitlha jaanong, le modiri wa diatshe yo o tumileng le mmatlisisi.

Go feta moo, o ne a dira pontsho ya diatshe tsa gagwe kwa dipontshong di le mmalwa tsa diatshe kwa dinageng di sele e bile o kile a nna moatlhodi wa dikgaisano di le mmalwa tsa diatshe, le go nna motlhokomedi wa dit-shwantsho tse di takilweng tsa dipontso di le mmalwa.

Paul Boulitreau o belegetswe kwa Paris ka 1967. O ithutetse go loga matsela le fešene kwa Paris at L’ Institut Supèrieur d’Arts Appliquès mme bošeng jaana o ne a ikwadisetsa go nna moithuti wa terama. O dira le go nna kwa Paris le kwa Johannesburg. O dirile dipontsho tse dintsi mo nageng ya rona le kwa dinageng di sele go akaretsa le kwa Lefelong la Dipontsho la Diatshe la gordart, Lefelo la Dipont-sho la Diatshe la Michael Obert mo Johannesburg le Galerie Brun Lèglise kwa Paris. Ditiro tsa gagwe tsa diatshe di fitlhelwa mo gare ga tse dintsi tse di koko-antsweng jaaka kwa Rand Merchant Bank, Chemcify, Yunibesiti ya Bokone-Bophirima, Conseil Gènèral des Yvelines, collection Illas Villa, collection Elisabeth Pons le kwa go a mangwe. Ke modiri wa leruri wa diatshe kwa Vivienne Galerie kwa Paris, mme gape o dirile dipontsho le kwa New York.

Porojeke e e atlegileng ya go tsenya maboko botshelo ya ATKV, Film-verse (Ditema mo Filiming), e tswelela pele ka go bontshiwa lekgetlo la ntlha ga Filmverse 2 kwa kykNET Silwerskermfees (Moletlo wa Sil-ver Screen) kwa bokhutlong jwa kgwedi ya Phatwe mo ngwagegng ono. Kwa bofelong, e tla tlhagisiwa ka DVD, mme tlhagiso e ntšha ya yone e dirilwe ka dipuo tse di farologaneng e bile e na le ditereke di le nne tse o ka tlhophang mo go tsone: ya Seaforikanse, Seesemane, Sezulu kgotsa Sesotho Filmverse e ne ya tlhophiwa makgetlo a le mararo mo nageng ya rona jaaka Pontsho e e di Gaisitseng Tsotlhe ya Diatshe tse di Kgonang go Bonwa mme difilimi ka bongwe ka bongwe di tlhophetswe gore di bontshiwe kwa meletlong mengwe e e tumileng kwa dinageng di sele ya go tsenya maboko botshelo e e jaaka KROK kwa Russia; Moletlo wa Annecy kwa Fora; Klik kwa Amsterdam, le Moletlo wa Go Tsen-ya Maboko Botshelo wa Monstra kwa Lisbon. Moletlo wa difilimi tsa Maboko wa Weimar kwa Jeremane o sa tswa go dira kitsiso ya gore filimi ya ga Charles Badenhorst e e theilweng mo lebokong le le reng What abou’ de lô (Go tweng ka molao) le le kwadilweng ke Adam Small, e neilwe awate e ba le bantsi ba e meletsang mathe. ‘n Ge-wone blou Maandagoggend (Moso o o tlwaelegileng wa Mantaga), filimi e e kwadilweng ke Naomi van Niekerk e e theilweng mo leb-okosong la ga Ronelda Kamfer la leina le le tshwanang le leno, e sa tswa go kaiwa e le Filimi ya Ntlha go di Gaisa Tsotlhe kwa Moletlong wa Annecy wa Go Tsenya Maboko Botshelo kwa France. Ke lekgetlo la ntlha go bontshiwa difilimi tsa maboko a a tsentsweng botshelo a Seaforikanse kwa meletlong e e tumileng eno. Diek Grobler ke mokaedi wa diatshe wa Filmverse 2, mme go tlhophil-we maboko a le 12 a a tlileng go tlhagisiwa. Seno se akaretsa maboko a a kwadilweng ke baboki bangwe ba bogologolo (Elizabeth Eybers, DJ Opperman le Boerneef) le ba ba botlana (Nathan Trantraal, Andries Bezuidenhout le Ronelda Kamfer). Maboko a a kwadilweng ke Joan Hambidge, Johann de Lange, Jeanne Goosen, Marlise Joubert le ke Heilna du Plooy le one a ne a tlhaga mo Filmverse 2. Fa e sena go bontshiwa lekgetlo la ntlha kwa Moletlong wa kykNET Silver Screen ka di 26 Phatwe, Filmverse 2 e tla bontshiwa kwa Die Tuin van Digters (Tshingwana ya Baboki) kwa Senthareng ya Breyten-bach kwa Wellington (ka di 16 - 18 Lwetse), kwa moletlong wa Diat-she wa Aardklop, le kwa meletlong yotlhe ya diatshe ya bosetšha e e tla tshwarwang ka 2017.

‘Tiro’ e e rayang work ka Seesemane ke Setswana, ke pontsho e e tshwarwang ke badiri ba diatshe ba le bane ba ba nnang le go dira kwa Botswana, lefelo le ba le bitsang legae la bone.

Pontsho ya ditshwantsho tse di takilweng, dinepe, ditshwantsho tse di thad-ilweng tsa mosi le dinepe go tswa kwa Botswana kwa Moletlong wa ngwaga ono wa 2016 wa Aardklop ke lemme fela la pontsho ya segompieno ya diatshe mo nageng ya rona.

Badiri ba diatshe ba le bane ba ne ba bontsha boemo jwa ga jaanong jaana jwa banna le basadi ba ba dirang tiro ya diatshe tse di kgonang go bonwa kwa Botswana. Pontsho ya bone e akaretsa tiro ya badiri ba diatshe ba babedi ba kwa Botswana, Sedireng Mothibatsela le Velias Ndaba; tiro ya modiri wa diat-she wa kwa British Caribbean, Ann Gollifer, moagi wa leruri wa kwa Botswana dingwaga di le 31; le Aldo Brincat yo o belegetsweng mo Aforikaborwa, moagi wa kwa Botswana dingwaga di ka nna 10. Tiro e e bontshiwang e farologana go ya ka dilo tse di dirilweng ka tsone le ka kgopolo ya tsone. Mokgwa o modiri mongwe le mongwe wa diatshe a dirang tiro ya gagwe ka one mo setudiong ga o tshwane le wa ga ope. Se di tshwanang ka sone tsotlhe ke mokgwa o di dirilweng ka one, e leng nako e e tserweng le go dirwa ga tsone ka kelotlhoko mo e leng gore fa di pegilwe mmogo mo lefelong la dipontsho la mofuta ono, di bontsha setso, mekgele e mongwe le mongwe wa bone a e ipeetseng le dik-gono tsa go tshwantsha baagi mo tikologong ya bone kwa Botswana.

Tshwaelo ya Motlhokomedi wa Ditshwantsho tse di Takilweng. E re ka ke le motho yo o berekanang thata le puisokwalo, e ne ya re fa ke goroga kwa Bo-tswana morago ga dingwaga di le tlhano go tswa kwa Berlin, ka fitlhela gore se ke ntseng ke se akanya ka setšhaba sa Botswana ga se a nna jalo fa ke bona tiro ya ga Aldo Brincat mo dipontshong tsa Ma Rock. Setlhopha sa death metal rockers se se nang le atshe ya morago ga apokalipisi se ne sa dira gore ke nne le keletso ya go batla tshedimosetso go ya pele. Mme lefelo le le boto-ka go e batla kwa go lone e ne e le go ikgolaganya le Aldo ka boene. Ka ntlha ya go ikgolaganya le ene, ke ne ka itse ditiro tse di nang le dintlha ka botlalo, tse di lebegang sentle tsa ga Ann Gollifer le tsela ya gagwe e e botlhale ya go sekaseka batho mo setšhabeng, e e batlang go lejwa ka kelotlhoko e kgolo, e e tlhagisang bokao le e e amang maikutlo ya ga Sedireng Mothibatsela le ditiro tsa ga Velias Ndaba tse di ngokang le tse di kgatlhang. Modiri mongwe le mongwe wa diatshe o bontsha ka fa setšhaba sa Batswana se tlholegileng ka gone. Modiri mongwe le mongwe wa badiri ba diatshe o oketsa ka ditshwaelo tsa gagwe ka ga Botswana, jaaka e keteka dingwaga di le 50 tsa boipuso.

“It seems obvious that something connects between the eyes and the thing being viewed. That something must be light. But does the light come from the eyes, or from the object under scrutiny, or from someplace else?”The Story of Light, Ben Bova, 2001 - Light and Vision, p.125

Go na le mekgwa e mentsi ya diitlhagiso mo serutweng sa “Lesedi le le Konegang”, mme se se ka re fa kgwetlho mo kakanyong ya rona ya ‘lesedi’. Ga re tshwane ka kutlo ya rona ya ditshwantsho tsa lesedi mme bokao bo maleba mme kakanyo ya lesedi e amana botho jwa rona jwa sebopego, ka-kanyo, filosofi, kgakologelo le bonetetshi. Re diragatsa bophelo jaaka re bona go siame mme dikakanyo tsa rona di ka fetoga. Ka Lesedi le le Konegang, batsweretshi ka bobedi ba mema molebeledi go utulola dipharologano tsa dikakanyo mme ba tlhotlheletsa kgopolo ya ka ponyo ya leitlho.

Vanos o dirisa lesedi go nna boraše ya go tshwantshisa, ka go penta ka lese-di mo ditshwantshong tsa gagwe tsa dinepe. Beau Lotto, moporofesara wa disaense tsa nyurone kwa Yunibesiting ya College London, o dira diteko go bona gore batho ba bona jang ditshwantsho tse di forang matlho. Ene a re: “Nka tsaya sediko se se setlha mme ke se dire gore o bone mmala o mongwe kampo o mongwe”. Mo godimo ga tekelelo ya ga Mop.Lotto, Vanos o itirela teko ya gagwe ka go dirisa mabone a LED, mme o fetola mebala ka nako e e beilweng, ene o sedifatsa mabaka a a farologaneng a setshwantsho, mme se se fa molebeledi dipono tse di farologaneng tsa se a se lebelelang. Tekelelo e ke ya go supetsa sephetho sa lesedi mo ditemosing tsa rona, mme gape le tlhotlheletsa kgopolo ya kgang ya “nnete” kgatlhanong le “boitlhomo”. Vanos o rerisana gore re ka simolola go atolosa pono ya rona ya lesedi go akanya gore lesedi ga se fela go bonesa dilo mme ke selo ka bosone, mme gape ke fa lesedi le se teng tiro ya diatshe e ka bonwa fela”.

Bottcher o fetola mme o bopa galase go nna dilo le diportorala, mme di goga mmogedi go atamela go bona lefatshe ka dipopo tsa gagwe. “Galase ke sediriso sa optikale. E phatsimisa mme e fetola lesedi. Lesedi le na le tlho-lego di le pedi. E dira e le karolwana mme e dira jaaka lekhubu. Mabaka a a saense ke atshe ya me e ke utulolang dipopo tsa me”. Go tokafatsa dikgono tsa gagwe a le modiri wa galase e e tsididi, Bottcher o laola lesedi ka bomo, mme kgopolo ya mafelo a a sa feleng mo teng ga le kwa ntle ga dilense tsa dipopo. Dipharologano tse tsa dipopo kampo diportorala tsa pono ke se se batlang dikgakgamatso. Tshokamiso ya ka bomo ya bone le go kona ga farolo-gantsha lesedi le kakanyo ya rona ya letsatsi le letsatsi ya maphelo a rona a a jesang bodutu. “Ka nako e ya media ya matšhwiti le kgatlhiso ya e e fetang selekano ya pono, ke tlhotlheletswa go bopa se e leng kamano ya pono e e atametseng thata mo motsayakarolong”.

Ka tirisanommogo mo serutweng sa diphetogo tlhomagantsho ya tlwaelo ya marang mo teng ga dikgang tse dišwa mme batsweretshi ba ba matlhagatlha-ga ba leka go sedifatsa batsayakarolo mo ponong ya bone ya bophelo.

Tim Hopwood, Manfred Zylla, Dathini Mzayiya, Lindeka Glo-ria Qampi, Rory Emmett, Aaron Samuel Mulenga, Bert Pauw, Niklas Zimmer, Debbie Loots, Agnes Heinz and Carla Erasmus

Franco Prinsloo and Pieter Bezuidenhout (batlhami), Christo Niemandt (motsaya bidio) and the FOUND Collective.

Adelheid von Maltitz, Allen Laing, Anneke Bosch, Annette Pretorius, Anton Smit, Banele Khoza, Bontle Tau, Caitlin Greenberg, Cari Niehaus, Carla Crafford, Carli Bassin, Car-lo Vignelli, Chris Soal, Danie Nell, Di Miller, Elbie Erasmus, Francois Visser, Franli Meintjies, Gordon Froud, Guy du Toit, Harrie Siertsema, Heidi Fourie, Ike Nkoana, Isa Steynberg, Izanne Wiid, Jaco Sieberhagen, Jan van der Merwe, Johan Nortjé, Johandi du Plessis, Juané Venter, Kay Potts, Keneil-we Makoena, Leanne Olivier, Liberty Battson, Liekie Fouché, Liesl Roos, Livhuwan Muthivithi, Loeritha Saayman, Lothar Botcher, Louis Kok, Luthando Phiri, Lwandiso Njara, Lynette ten Krooden, Magdel van Rooyen, Martyn Schickerling, Mbali Tshabalala, Micaela Balie, Mignon Mayhew, Mkhotu Teboho, Mpanza Ndukenhle, Nicci Olivier, Nyasha Ruvimbo Chiki-wa, Odette Graskie, Rachel Ferriman, Renier le Roux, Retief van Wyk, Rina Stutzer, Rowland Daniel, Sanna Swart, Sarel Petrus, Sharleene Olivier, Shenaz Mahomed, Strijdom van der Merwe, Sunet Ferreira, Sybrand Wiechers, Thabo Pitso, Tineke Meijer and Zanoxolo Sylvestre Mqeku

John Moore, Toni Pretorius, Poorvi Bhana, Helena Hugo, Gabisile Nkosi, Dumisani Mabaso, Karin Daymond, Pauline Gutter, Cobus van Bosch, Lehlohonolo Mkhasibe, Them-binkisi Sinalo Ntuli, Thuli Zondo, Enoch Ndlovu, Thabo Mola-po, Pauline Mazibuko, Mojaki Lebatla, Daniel Mosako, Petros Mwenga, Allen Kupeta, Benon Lutaaya, Joao Ladeira, Cindy Leah Awuor, Roy Ndinisa, Attie Gerber and Rowland Daniel

Sedireng Olehile Mothibatsela, Ann Gollifer, Velias Ndaba and Aldo Brincat

BADIRI BA DIATSHE BA BA TSAYANG KAROLO

BADIRI BA DIATSHE BA BA TSAYANG KAROLO

BADIRI BA DIATSHE BA BA TSAYANG KAROLO

BADIRI BA DIATSHE BA BA TSAYANG KAROLO

BADIRI BA DIATSHE BA BA TSAYANG KAROLO