16
Tina, Stevie le Mozart ba tla bo ba le mmogo mo seraleng sa NWU KGATISO 3 No 2 Seetebosigo 2009 Buisa ditlhogo tseno! 3 HEQC e ntsha ditshwaelo tsa yone tsa ntlha 7 Motlhokomedi yo moša wa leinakgwebo la NWU 5 Mokhanseliri o sadisa botlhe sentle Lekwalodikgang la bathapiwa la kgweditharo go Setšhaba sa YBB Fa e le gore o tlile go nna teng kwa go nngwe ya dipontsho tseno, o tla nna le lesego la go ka ikgapela moputso o o itumedisang thata fa leina la gago le sena go tsenngwa mo go a ba go tla gogwang la yo o lesego mo go bone. Re tla kopana koo! Tina Turner, Stevie Wonder le Mozart ba tlile go jela Yunibesiti ya Bokone Bophirima nala moragonyana mo go one ngwaga ono. Eish! e ne ya ya go batlisisa go le gontsinyana ka baeng bano ba ba tswang kgakala. M oragonyana mo ngwageng ono, go tlile go tshwarwa bodirelo jwa dipontsho mo bobogelong jwa dikhamphase tsotlhe tse tharo, tse mo go tsone go tla bong go bontshiwa batho ba ba nang le ditshobotsi tsa ga Tina Turner, Stevie Wonder le Mozart jaaka tsela ya go lemotsha botlhe gore mme gone tota go na le dipharologano mo ditshobotsing tsa bone. Rre Victor Mthobi, e leng Mokaedi-Mogolo: wa Tlhabololo ya Bokgoni Jwa Badiri mo Tirong, o ne a tla ka kgopolo e e neng ya amogelwa ke Batsamaisi ba Setheo, fa a sena go e tlotla le Motlatsa-Motšhanseliri, e leng Ngaka Theuns Eloff. Boikaelelo jwa seno ke go dira diphetogo ka go rarabolola mathata otlhe a a amanang le dipharologano a ditheo tsotlhe di nang le one. Mathata a a amanang le dipharologano a ne a tlhagisiwa mo pegong ya Setlhopha sa Bodiredi e e neng ya amogelwa ka Sedimonthole 2008, le mo ditshwaelong tse di neng tsa amogelwa kwa tshimologong go tswa go panele ya Komiti ya Boleng Jwa Thuto e e Kwa Godimo kwa bokhutlong jwa thuno ya boleng ka Mopitlwe 2009. Setlamo sa kwa ntle, sa CheHan Ideaneers, se tla tlhagisa le go kaela bodirelo jwa dipontsho tseno tsa mo bobogelong, mme se engwe nokeng ka botlalo ke Porofesa Madoda Zibi, Mokaedi wa Dipharologano ka Ditso, Tekatekano le Ditshwanelo Tsa Batho, le Ngaka Edward Sedibe, Mokaedi: wa Merero ya Baithuti le Metshameko. Ba re dipontsho tseno di tla amana le dipholô tsa madirelo a a farologaneng tse di neng tsa bontshiwa mo khamphaseng ngogola. Ngaka Eloff o rotloeditse badiri botlhe gore ba leke gore ba se ka ba foswa ke dipontsho tseno. A re “Dipharologano ke dilo tse di ka se kang tsa tilwa mo botshelong. Di sa le di ntse di le gone go tswa fela kwa tshimologong, dipharologano di tshwanetse go amogelwa le go ratwa, kgotsa gone go tlotlwa.” “Ka jalo go botlhokwa thata gore badiri botlhe ba beele nako kwa thoko mo šeduleng ya bone e e ba farafereng gore ba nne teng kwa go nngwe ya dipontsho tseno.” Nnang lo letile Tina, Stevie le Mozart - mo sebakeng se se sa fediseng pelo, ba tla itsise badiri ba ka go shwegashwega pelo ba letetseng dintlha ka botlalo malebana le matlha, mafelo le dišedule tsa dipontshho tsa bone. Tshedimosetso eno e tla tsenngwa le mo ditshupatuelong tsa lona tsa Seetebosigo le Phukwi. Porofesa Madoda Zibi, Mokaedi wa Setheo: wa Dipharologano ka Ditso, Tekatekano le Ditshwanelo Tsa Batho, le batsayakarolo ba bodirelo jwa dipontsho tsa mo bobogelong.

Eish #2 2009

  • Upload
    hadang

  • View
    329

  • Download
    4

Embed Size (px)

Citation preview

Tina, Stevie le Mozart ba tla bo ba le mmogo mo seraleng sa NWU

KGATISO 3 No 2 Seetebosigo 2009

Buisa ditlhogo tseno!

3 HEQC e ntsha ditshwaelo

tsa yonetsa ntlha 7

Motlhokomedi yo moša wa

leinakgwebo la NWU 5 Mokhanseliri o

sadisa botlhe sentle

Lekwalodikgang la bathapiwa la kgweditharo go Setšhaba sa YBB

Fa e le gore o tlile go nna teng kwa go nngwe ya dipontsho tseno, o tla nna le lesego la go ka ikgapela moputso o o itumedisang thata fa leina la gago le sena go tsenngwa mo go a ba go tla gogwang la yo o lesego mo go bone. Re tla kopana koo!

Tina Turner, Stevie Wonder le Mozart ba tlile go jela Yunibesiti ya Bokone Bophirima nala moragonyana mo go one ngwaga ono. Eish! e ne ya ya go batlisisa go le gontsinyana ka baeng bano ba ba tswang kgakala.

Moragonyana mo ngwageng ono, go tlile go tshwarwa bodirelo jwa dipontsho mo bobogelong jwa dikhamphase tsotlhe tse

tharo, tse mo go tsone go tla bong go bontshiwa batho ba ba nang le ditshobotsi tsa ga Tina Turner, Stevie Wonder le Mozart jaaka tsela ya go lemotsha botlhe gore mme gone tota go na le dipharologano mo

ditshobotsing tsa bone.Rre Victor Mthobi, e leng Mokaedi-Mogolo: wa

Tlhabololo ya Bokgoni Jwa Badiri mo Tirong, o ne a tla ka kgopolo e e neng ya amogelwa ke Batsamaisi ba Setheo, fa a sena go e tlotla le Motlatsa-Motšhanseliri, e leng Ngaka Theuns Eloff. Boikaelelo jwa seno ke go dira diphetogo ka go rarabolola mathata otlhe a a

amanang le dipharologano a ditheo tsotlhe di nang le one. Mathata a a amanang le dipharologano a ne a tlhagisiwa mo pegong ya Setlhopha sa Bodiredi e e neng ya amogelwa ka Sedimonthole 2008, le mo ditshwaelong tse di neng tsa amogelwa kwa tshimologong go tswa go panele ya Komiti ya Boleng Jwa Thuto e e Kwa Godimo kwa bokhutlong jwa thuno ya boleng ka Mopitlwe 2009.

Setlamo sa kwa ntle, sa CheHan Ideaneers, se tla tlhagisa le go kaela bodirelo jwa dipontsho tseno tsa mo bobogelong, mme se engwe nokeng ka botlalo ke Porofesa Madoda Zibi, Mokaedi wa Dipharologano ka Ditso, Tekatekano le Ditshwanelo Tsa Batho, le Ngaka Edward Sedibe, Mokaedi: wa Merero ya Baithuti le Metshameko. Ba re dipontsho tseno di tla amana le dipholô tsa madirelo a a farologaneng tse di neng tsa bontshiwa mo khamphaseng ngogola.

Ngaka Eloff o rotloeditse badiri botlhe gore ba leke gore ba se ka ba foswa ke dipontsho tseno. A re “Dipharologano ke dilo tse di ka se kang tsa tilwa mo botshelong. Di sa le di ntse di le gone go tswa fela kwa tshimologong, dipharologano di tshwanetse go amogelwa le go ratwa, kgotsa gone go tlotlwa.” “Ka jalo go botlhokwa thata gore badiri botlhe ba beele nako kwa thoko mo šeduleng ya bone e e ba farafereng gore ba nne teng kwa go nngwe ya dipontsho tseno.”

Nnang lo letile Tina, Stevie le Mozart - mo sebakeng se se sa fediseng pelo, ba tla itsise badiri ba ka go shwegashwega pelo ba letetseng dintlha ka botlalo malebana le matlha, mafelo le dišedule tsa dipontshho tsa bone. Tshedimosetso eno e tla tsenngwa le mo ditshupatuelong tsa lona tsa Seetebosigo le Phukwi.

Porofesa Madoda Zibi, Mokaedi wa Setheo: wa Dipharologano ka Ditso, Tekatekano le Ditshwanelo Tsa Batho, le batsayakarolo ba bodirelo jwa dipontsho tsa mo bobogelong.

molemo gore re ithute mongwe le mongwe go tswa mo setsong sa yo mongwe. Ka tsela eno, re tla kgona go tshela ka moano wa rona, e leng Mokgwa o moša wa go dira dilo ka dipharologano, e bile seo se tla dira gore re kgone go solegela baagi mmogo le naga ya rona molemo ka dikgopolo le ditharabololo tsa rona tse di tlhomologileng.

E kete babadi botlhe ba rona ba Eish! ba ka itumelela khunologo e e monate mo marigeng ano mme ba boe ka maikatlapelo le tlhagafalo e e ntšhafetseng go dira gore karolo ya bobedi ya ngwaga wa 2009 e atlege mo NWU. Buisang ka boitumelo, Nelia Engelbrecht

2 I

GO TSWA GO MOTSELEGANYI

Setlhopha sa Batseleganyi: Nelia Engelbrecht, Louis Jacobs, Jeremy Mooi, badiri ba neeletsanyo ba dikhamphase Tseleganyo ya khopi: Clairwyn van der Merwe Diphetolo: Bokaedi jwa Merero ya Dipuo, Peter Mekgwe Popo ya ditsebe: graphikos Kgatiso: Platinum Press Ditshwantsho: Maclez Studios, Nelia Engelbrecht Setshwantsometlae: Wilson MgobhoziLekwalodikgang la Kgweditharo, Eish! E gatisiwa ka Setswana, Seesimane le ka Seaferikanse ke Lefapha la Merero ya Korporatifi le Kgolagano ka mo Ofising ya Setheo ya YBB. Fa o ka tlhoka dikhopi tse dingwe o ka ikopantsha le Mme Nelia Engelbrecht.

Madume go tswa go “yo o magorogo maša mo tirong”

Go mekamekana le diphetogo Kgatiso eno ya Eish! e tletse ka dikgang

go simolola ka tsa kitsiso ya bodirelo jwa dipontsho tse di tlileng go tshwarwa mo

bobogelong le ditshwaelo tse di neng tsa dirwa kwa tshimologong go tswa go panele ya Komiti ya Boleng Jwa Thuto e e Kwa Godimo morago ga thuno go fitlha ka Diawate Tsa Tiro ya go Ruta ya Setheo ya Maemo a a Kwa Godimo.

Ntlha e e tlhagelelang mo ditlhogong tsotlhe ke molaetsa wa gore, le mororo NWU e na le batho ba ditso tse di farologaneng, kutlwano mo gare ga maloko a yone le go nna teng ga batho ba ditso tse di farologaneng mo dikhamphaseng dingwe e sa ntse e le dilo tse di leng kgakala fela thata le go fitlhelelwa.

Mo Khamphaseng ya Potchefstroom, bontsi jwa baithuti le badiri ba ba fitlhelwang mo go yone ke ba batho ba basweu. Mme fa o ya kwa Khamphaseng ya Mafikeng, bontsi jwa baithuti le jwa badiri ba ba fitlhelwang mo go yone ke jwa batho ba bantsho. Ke kwa Khamphaseng ya Khutlotharo ya Lekwa fela – jaaka fa panele ya HEQC e tlhalositse mo pegong ya yone – go fitlhelwang baithuti ba ba farologanang thata ka ditso, go bontsha mofuta wa batho ba ba leng mo nageng ya rona.

Ga go na ditharabololo tse di motlhofo

Fa re leba ditshwaelo tsa kwa tshimologong tsa panele ya HEQC tsa thuno le ditshitshinyo tsa yone - go akaretsa le kgonagalo ya gore baithuti

Kwatara ya ntlha ya 2009 e fetile ka bofefo. Kwatara ya bobedi, e e nang le mafelobeke a mararo a maleele le go ya

ditlhophong tsa Ba-Aforika Borwa ka di 22 tsa Moranang, go ile ga gwetlha fela thata go dira ga rona tiro le go tlhoma mogopolo mo go yone. Le fa go ntse jalo, badiri ba NWU ba ile ba nna ba ititeile sehuba gore ba tla tlhoma mogopolo mo mekgeleng ya bone le go e fitlhelela.

Jaaka fa Motlatsa-Mokhanseliri e leng Ngaka Theuns Eloff a ne a umaka mo kgatisong e e fetileng ya Eish! Komiti ya Boleng Jwa Thuto e e Kwa Godimo [Higher Education Quality Committee (HEQC)] e ne ya dira tiro ya boruni ka kelotlhoko e kgolo thata mo setheong sa rona. Le fa boruni jono bo ile jwa baakanyediwa lobaka lwa mo e ka nnang dingwaga di le pedi, setlhopha sa boruni sa NWU se ne sa leka ka natla gore se se ka sa tlola le fa e le diphosonyana, go fitlha letlha la di 16 tsa Tlhakole 2009 le goroga le tiro ya boruni e simolotseng ka lone.

Bontsi jwa batho ba ba neng ba tla go reetsa ditshwaelo tse setlhopha sa boruni sa HEQC se neng sa di bua ka molomo ba ne ba kaya ditshwaelo tseo e le tse di molemo, ka gonne panele e ne e re akgolela tsela e boruni bo neng jwa dirwa ka tsela e e rulagantsweng sentle ka yone, mmogo le go re akgolela dilo tse dingwe.

Selo se se neng sa dira gore go baakanyediwa ga tiro ya boruni go atlege e ne e le go dira ga batho ba le seoposengwe. Ke rata go akgola botlhe ba ba nnileng le seabe mo tirong ya boruni, mo maemong ape fela a e neng e le mo go one, le mo kgatong epe fela e tiro eo e neng e setse e fitlhile mo go yone. Maikatlapelo a a neng a dirisiwa mo tirong e e botlhokwa eno a bontshitse gore go dira ka ditlhopha, e seng ka bongwe ka bongwe,

ke gone go atlegisang tiro mo yunibesiting. Jaanong re tshwanetse go nonotsha moya oo wa tirisanommogo gore re tswelele pele ka one fa re ntse re berekana le go tswala diphatlha tse go begilweng ka tsone le dipego tse di tla latelang.

Gotlhe go tsamaya ka thelelo go tla go fitlha jaanong

Go tla go fitlha jaanong, karolo ya ntlha ya 2009 e nnile ya maemo a a ritibetseng mo NWU. Kwa tshimologong ya ngwaga, dilo di ile tsa tsamaya ka thelelo fa baithuti ba ne ba ikwadisa kwa dikhamphaseng tsa rona tse di farologaneng, le fa tiro ya konokono, e leng ya go ruta le go ithuta, go dirwa ga patlisiso le go dirisiwa ga bokgoni mo tirong, go ne go gatela pele sentle le ka nonofo.

Nngwe ya dintlha-kgolo tsa ngwaga ono go tla go fitlha jaanong, e ne ya nna moletlo wa go ntshiwa ga Diawate tsa Tsela ya Go Ruta ya Setheo ya Maemo a a Kwa Godimo, e mo go yone go neng ga abiwa diawate di le 35. Mo godimo ga

moo, go ne ga tshwarwa meletlo e le mmalwa ya kalogo kwa dikhamphaseng tsa rona tse di farologaneng le kwa ditheong tse di leng ka kwa ntle ga Aforika Borwa, jaaka kwa Namibia. Ke rata go akgola botlhe ba ba atlegileng mo kalogong, mmogo le botlhe bao ba ba thusitseng go atlega.

Jaanong ngwaga wa dithuto wa 2009 o setse o le mo bogareng jwa one e bile baithuti ba setse ba weditse diteko le ditlhatlhobo tsa bone tse di botlhokwa fela thata mme ba lebile pele go ya go ikhutsa le go ipoloka ba thuthafetse mo nakong eno ya mariga.

Kgatelopele e e seng kana ka sepe

Malebana le tiro ya go dira patlisiso, ke itumelela go bona gore tiro ya rona e e ntseng e etleediwa ka madi ya go dira patlisiso e tokafetse fela thata mo dingwageng di le mmalwa tse di fetileng. E tlhatlogile go tswa go 326,19 ka 2005 go ya go mo e ka nnang 509,19 ka 2008. Malebana le kgolo ka diperesente, tiro ya rona e oketsegile go tswa go 10,63% ka 2006 go ya go mo e ka nnang 35,34% ka 2008.

Mma ke konele ka go lo tlhomamisetsa gore Ngaka Theuns Eloff o itumelela malatsi a gagwe a maleele a boikhutso. O na le nako jaanong ya go ka dira dilo dingwe tse a tshwanetseng go di dira. Re mo eleletsa tsotlhe tse di molemo mme re lebile pele go boa ga gagwe.MadumeNgaka Ngoato TakaloMotlatsa-Mokhanseliri wa Nama o sa Tshwere

mo dikhamphaseng tsotlhe ba kgone go ithuta ka go golagana le motlhatlheledi wa bone e seng ka namana le go ruta baithuti ba le ditlhotswana - go a bonala gore ga go na tsela e e bonako le e e motlhofo ya go rarabolola bothata jono.

Ka lesego, jaaka fa Mokhaseliri wa NWU yo o sa tswang go rola tiro eno, e leng Ngaka Popo Molefe, a tlhalosa mo molaetseng wa gagwe mo tsebeng ya botlhano, Khansele ya NWU le Batsamaisi ba yone ba ne ba se ka ba senya nako go mekamekana le mathata a a amanang le boswa jwa loago le dipolotiki mo dingwageng tse tlhano tse di fetileng. Go lebeletswe gore bothata jono bo rarabololwe ka bopelokgale jo bo tshwanang le boineelo.

Go tsaya kgato e nngwe gapeEe ruri, Yunibesiti e setse e tsere dikgato di le

mmalwa. Fa e sena go amogela pego go tswa go Setlhopha sa Bodiredi kwa bokhutlong jwa ngwaga o o fetileng, NWU e ne ya dumela gore go tlisiwa ga diphetogo go tshwanetse ga tla pele mo ajendeng ya yone. E nngwe ya ditsela tse bothata jono bo ka rarabololwang ka yone ke go tshwara bodirelo jwa go dirwa ga dipontsho mo bobogelong go gatelela botlhokwa jwa go nna le kutlwano ga maloko otlhe, go amogelana le go tlotlana ga batho ba ditso tse di farologaneng.

Se nna le wena re ka se dirangA re akgoleng botlhe mo yunibesiting ba ba

ileng ba thusa ka tsela nngwe le go sola sebaka

Ngaka Ngoato Takalo

Moh Nelia Engelbrecht

INSTITUTIONAL MANAGEMENT NEWS

I 3

DIKGANG TSA BOLAODI JWA SETHEO

NWU e na le tsholofelonyana ka tiro ya boruni e e dirilweng ke HEQC

Go ya ka diphitlhelelo tsa ntlha tsa panele ya HEQC, go bonala sentle gore NWU e na le lebaka la go nna le tsholofelonyana

ka dipholô tsa thuno eno. Panele e ne ya akgolela NWU ditlwaelo dingwe di le mmalwa mmogo le ditiro dingwe tse e di dirang, go akaretsa le tsamaiso ya yone ya tsa ditšhelete, go ithuta ga baithuti ka go golagana le motlhatlheledi ka khomputara le ka ditsela tse dingwe le mekgwa ya go dira patlisiso, mme - le fa go ntse jalo - go ne ga umakiwa le mathata mangwe a a leng teng, a a amanang le diphetogo tse di dirilweng le mathata a tsa dipuo le go okamelwa ga thulaganyo ya lekwalo la morago ga boalogane.

Malebana le thulaganyo ya thuno, NWU e ne ya akgolelwa go “nna ga yone le maikatlapelo a a seng kana ka sepe le go tlhoma mogopolo mo tirong” ka nako ya thuno. Panele e ne ya umaka tsela e e nang le bokgoni e Yunibesiti e neng ya baakanyetsa thuno ka yone, tirisanommogo ya yone le go amogela baeng ga yone ka nako ya fa e ne e etetswe ke panele ya bo ya akgolelwa ditokomane tse di rulagantsweng le go bewa sentle ka thulaganyo.

Mo godimo ga moo, panele e ile ya tlhalosa fa e lebogela temogo e setheo se nnileng le yone ka go bega ka diphatlha tse di sa tladiwang tse di ka nnang 300 tse Yunibesiti e ileng ya di bona fa e ne e itshekatsheka ya bo ya di bona le mo photefoliong ya yone, mme setheo se ne se setse se simolotse go baakanya dingwe tsa tsone.

Dikgwetlho tse dikgolo go di feta tsotlhe

Nngwe ya dikgwetlho tse dikgolo go di feta tsotlhe e e neng ya umakiwa ke panele ke gore ga go na pharologano e e kalo ka ditso mo gare ga badiri le baithuti mo Khamphaseng ya Mafikeng le ya Potchefstroom. Panele e ne ya akanya gore boemo jo bo ntseng jaana ga bo kitla go baakanyetsa baithuti ka mo go lekaneng gore ba kgone go dira mo mafelong a a nang le batho ba ditso tse di farologaneng.

Go dirwa ga diphetogo malebana le seno go

tshwanetse ga dirwa ka potlako mme gape go tshwanetse ga sekasekwa thata mokgwa wa go dira gore baithuti mo dikhamphaseng tsotlhe ba kgone go ithuta ka go golagana le batlhatlheledi ba bone ka khomphutara kgotsa ka ditsela tse dingwe le go ba ruta ka ditlhotswana gore diphetoto tse dikgolo tseno di tle di kgone go dirwa.

Ka fa letlhakoreng le lengwe, Khutlotharo ya Lekwa e ne ya akgolelwa go bo e na le baithuti ba ditso tse di farologaneng ba ba emelang pharologano ya ditso mo porofenseng le mo nageng yotlhe.

Selo sengwe gape se se tshwenyang malebana le tsela e setlhopha sa botsamaisi se dirang dilo ka yone ke gore tiro ya botsamaisi le go laolwa ga dilo mo Khamphaseng ya Mafikeng ga go dirwe ka tsela e e nang le bokgoni sentle e bile ga go dirwe ke batho ba ba nang le ditshwanelego ka tsela e e tshwanetseng.

Panele e ne e tlhatswegile pelo gore, le mororo moano wa kgwebo ya dikhamphase tseno tse di kopantsweng tsotlhe gore e nne khamphase e le nngwe fela o fitlheletse maikaelelo a one a go ritibatsa dilo go tla go fitlha jaanong, go tshwanetse ga tlhongwa mogopolo mo go direng gore batho ba mo teng ga setheo ba ba nang le dišere ba rekolole dišere tsa bone.

Ditsamaiso tsa botsamaisi jo bo siameng

Panele e ne ya akgolela Yunibesiti botsamaisi jwa yone jo bo siameng mo go tsa ditšhelete le ditirelo, segolobogolo dithulaganyo tsa yone tse di tsayang lobaka lo lo leele tsa go tlhokomela dikago le mafelo a yone a bonno a boleng jo bo kwa godimo. Mosola wa ditsamaiso tse di jaaka tsamaiso ya

Ngaka Theuns Eloff, e leng Motlatsa-Mokhanseliri (kwa bofelofelong kafa mojeng) o tshwere motlotlo le leloko la Khansele e leng Rre Simon Mohapi (kafa molemeng) le Modulasetulo wa Khansele, e leng Rre Peet van der Walt (fa gare) pele ba botsolodiwa ke panele ya HEQC.

Beke ya go simolola ka di 16 go ya go di 20 tsa Mopitlwe 2009 e ne ya nna nako e e botlhokwa thata mo setheong sa NWU fa dingwaga di ka nna nnè tsa paakanyetso ya go dirwa ga tiro ya boruni di ne di felela ka gore panele ya Komiti ya Boleng Jwa Thuto e e Kwa Godimo [Higher Education Quality Committee (HEQC)] e dire tiro ya ntlha ya boruni fa e sa le Yunibesiti e tlhongwa ka 2004. Tshobokanyo ke eno ya ditshwaelo tsa ntlha tse Modulasetulo wa panele, e leng Porofesa Nic Grove wa Yunibesiti ya Pretoriadi a neng a di bua ka molomo, ka Labotlhano 20 Mopitlwe 2009.

tswelela pele go ya go 4

Eish! e ne ya buisana le Ngaka Jannie Jacobzs, Mokaedi wa: Ofisi ya Setheo ya Boleng, ka ga gore o ikutlwa jang ka thulaganyo ya go dirwa ga tiro ya boruni le ditshwaelo tse panele e neng ya di ntsha kwa tshimologong. Ditshwaelo tsa gagwe ke tseno:

“Ke tlhatswegile pelo gore go nna le seabe ga

Ofisi ya Porojeke le Mokaedi wa Ofisi ya Motlatsa-

Mokhanseliri, e leng Ngaka Maarten Venter, go

ne go le botlhokwa thata mo thulaganyong ya go

dirwa ga tiro ya boruni. Lebaka fela la go bo Ngaka

Venter e le mogakolodi wa Motlatsa-Mokhaseliri,

e leng Ngaka Theuns Eloff, le bula tšhono ya gore

Motlatsa-Mokhaseliri a nne a e dire ka dinako

tsotlhe. Panele ya HEQC e ne ya amogela le go

anaanela go nna le seabe ga maloko ano a maemo

a a kwa godimo.

Selo sengwe gape se ke sa se lebaleng e ne e

le kafa ba ba neng ba botsolodiwa ba neng ba

bontsha kanaanelo ka gone ka nako ya ditlhaloso tsa

letsatsi le letsatsi ka maemo a a kwa godimo thata

a bokgoni jwa go rulaganya dilo jo bo dirisitsweng

ke setlhopha se se nang le maikarabelo a go

baakanyetsa tiro ya boruni le go dira dithulaganyo

tse dingwe. Ke dumalana le bone ka botlalo: ruri

maloko a setlhopha a dirile go tlala seatla!”

the team members surpassed themselves!”

Leboko la mokwalo

• Palo ya batho ba ba neng ba botsolotswa: 408

• Paloyadipotsoloso:478• Palo yamefuta yadijo tsedineng

tsa apewa : 950• Barutegi ba ba tswang kwa ntle

ba ba neng ba botsolotswa ba ne ba tswa kwa diyunibesiting tsa Limpopo, Botswana, Cape Town, Johannesburg, KwaZulu-Natal, Kapa Bophirima le kwa Witwatersrand, ba bangwe ba ne ba tswa kwa Yunibesiting ya Thekenoloji ya Tshwane.

Dingwe tsa dipalopalo ke tseno:

4 I

DIKGANG TSA BOLAODI JWA SETHEO

tswelela pele go tswa go 3

Nwu e na le tsholofelonyana ka tiro ya boruni e e dirilweng ke HEQC

thulaganyo ya botsamaisi jwa tiro le tsamaiso ya Tshedimosetso ya Thekenoloji (IT) le tsone di ile tsa umakiwa, mmogo le tirisanommogo e e gaufi fa gare ga ditirelo tsa kemonokeng tsa mo dikhamphaseng tse di farologaneng.

Go ruta le go ithuta: go tsibogelwa ga teng ga ditsela tse di farologaneng

Go ruta le go ithuta go ne ga tsibogelwa ka ditsela tse di farologaneng.

Go ya ka maloko a panele, thulaganyo e e neng ya latelwa malebana le go tlhongwa ga mananeo a gore baithuti ba kgone go ithuta ka go golagana le motlhatlheledi ka khomputara le ka ditsela tse dingwe go ne go ka nna ga tlhomela ditheo tse dingwe tsa thuto e e kwa godimo sekao mo Aforika Borwa, e bile dibuka tsa boleng jo bo kwa godimo tsa go ithuta tsa Yunibesiti di ile tsa fitlhelwa di na le sekao se se ka latelwang.

Ditsela tse dingwe tsa go ithuta le go ruta tse setheo se neng sa di akgolelwa di ne di akaretsa tsamaiso ya go ruta baithuti ya tlaleletso, dikokoano tse badini le bakaedi ba sekolo ba rulaganyeditsweng go nna teng kwa go tsone, lenaneo la dithulaganyo tsa go tlisiwa ga dikabelo tsa ditiro tse di neng di abilwe ke Komiti ya Setheo t\sa Maemo a Thuto le seabe se

Senate e nang le sone le Tlhabololo ya Akatemi le Lefapoha la Tshegetso.

Le fa go ntse jalo, gape go ne go na le dilo di le mmalwa tse di amanang le go ruta le go ithuta tse panele e neng e tshwenngwa ke tsone.

Ba ne ba akanya gore “go tlhokega gore go tsewe kgato nngwe ya go tokafatsa boleng jwa akatemi mo khamphaseng ya Mafikeng” le gore pholisi ya puo “e tshwanetse go tlhatlhobiwa ka mo go tseneletseng gore go tokafadiwe tiriso ya dipuo mo Khamphaseng ya Potchefstroom, ka gonne go lebega e kete Aforikanse ke yone e dirisiwang thata mo khamphaseng eo”.

Le mororo panele e ile ya dumela gore gone go na le mathata a a amanang le go tsenngwa tirisong ga thulaganyo ya go lolamisa dilo malebana le lenaneo la tsa akatemi, e ile ya dira ditshwaelo tse di latelang:

Thulaganyo eno e tshwanetse go akofisiwa •gore go nne le kutlwano mo dikhamphaseng tsotlhe. Go tshwanetse ga elwa tlhoko gore •“Khamphase ya Mafikeng ga e gatelelwe gore e tshwantshe kharikhulamo ya yone le ya Khamphase ya Potchefstroom”.Go se ka ga letlwa gore go kwalwa ga dibuka •tsa go ithuta go diegise thulaganyo.Mathata a go kopanwang le one a a amanang •le tekolo a tshwanetse go rarabololwa jaaka karolo ya thulaganyo ya go lolamisa dilo.

Kgolo ya tiro ya go dira patlisiso

Panele e ne ya dumela gore tiro ya go dira patlisiso e oketsegile ya go ya akgolela setheo go tsenya ga sone tirisong mokgwa o moša wa go dira patlisiso. Le fa go ntse jalo, ba ne ba dumela

gore badiri ba tlhoka ditshwanelego tsa go tokafatsa mokgwa wa go dira patlisiso.Go ne ga dumelwa gore go tshwanetse ga tsewa dikgato tsa go tokafatsa boleng jwa go dirwa ga patlisiso, mmogo le seabe se Ofisi e e Dirang Dilo ka Mokgwa o Moša e nang le sone, mokgwa o moša o Yunibesiti e dirang ditirelo ka one le go dirisana mmogo ga yone le borrakgwebo gore e tle e kgone go nna le bokgoni mo ditirong tsa yone. Ka fa letlhakoreng le lengwe, panele e ile ya tshwaela gore dithulaganyo tse di telele tse di latelwang ke Komiti-Patlisiso ya Maitshwaro di tshwanetse go bapisiwa le tsa ditheo tse dingwe le go dira gore tsotlhe di tshwane. Mo godimo ga moo, go tshwanetse ga rarabololwa bothata jwa go sa tshwaneng ga tsela ya boleng jwa go okamelwa ga thulaganyo ya lekwalo la morago ga boalogane mo dikhamphaseng tse di farologaneng.

Seabe se se botlhokwa thata

Fa panele e konela, e ne ya tlhalosa gore e na le tsholofelonyana ka ga setheo le isagwe ya sone gape e ne ya tlhalosa gore NWU e na le kgonagalo ya gore e nne le seabe se se leng botlhokwa le go feta mo Porofenseng ya Bokone Bophirima. Gore e tle e kgone go gatela pele ka botlalo, Yunibesiti e tshwanetse go amogela dipharologano le diphetogo, go dira gore ba ba leng mo go yone ba ikutlwe gore ba a ratwa le go dira gore go nne le kutlwano mo gare ga botlhe ba ba leng mo setheong, le go tokafatsa mokgwa wa botsamaisi le ditiro tse dingwe mo dikhamphaseng tsotlhe.

Babotsolodiwa ba itumelela dijo tse di motlhoswana pele ba botsolodiwa ke panele ya HEQC.

Setlhopha sa boruni sa NWU se fa pele go tswa ka fa molemeng: Ngaka Maarten Venter, Mokaedi wa: Ofisi ya Motlatsa-Mokhaseliri, le Motsamaisi wa Porojeke, e leng Mohumagatsana Karen Hurn le Mohumagatsana Ria Nel go tswa kwa Ofising ya Porojeke, Mohumagatsana Antoinette Vermeulen go tswa kwa Ofising ya Boleng, le Rre Cobus Steenkamp go tswa kwa Ofising ya Porojeke. Kwa morago go tswa ka fa molemeng ke: Rre Chris Conradie go tswa kwa Ofising ya Porojeke le Ngaka Jannie Jacobsz, Mokaedi wa: Ofisi ya Boleng.

Babotsolodiwa ba ne ba newa tshedimosetso kwa Diphaposing tsa Khansele tsa kago ya Ofisi ya Setheo pele ga lenaneo lengwe le lengwe.

Pego ya bofelo e tla ntshiwa go ela kwa bokhutlong jwa ngwaga.

DIKGANG TSA SETHEO

I 5

Mokhanseliri o sadisa bot-lhe sentleLobaka lwa tiro lwa ga Ngaka Popo Molefe, e leng Mokhanseliri wa NWU, le ne la felelwa ke nako mo bokhutlong jwa Motsheganong wa ngwaga ono. Fa go sa ntse go dirwa di thulaganyotsya go tlhomiwa ga Mokhanseliri yo moša, Ngaka Molefe o ikgopotsa dingwaga tse di fetileng tsa fa e sa le ditheo tsotlhe di kopanngwa ka 2004 le go tlhomiwa ga gagwe ka 2005.

Ka nako ya go tlhomiwa ga gagwe jaaka Mokhaseliri wa ntlha-ntlha wa NWU ka di 14 tsa Moranang 2005, Ngaka Popo Molefe

o ne a re go kopanngwa ga Yunibesiti ya pele ya Bokone-Bophirima le Yubibesiti ya Potchefstroom ya Thuto e e Kwa Godimo ya Sekeresete le go akarediwa ga Khamphase ya Sebokeng ya Yunibesiti ya Vista mo go kopanngweng ka tsone ke sesupo se se nonofileng sa tetlano le go aga setšhaba.

Ngaka Molefe o dumela gore, le fa ditheo tseno

di farologana ka ditso, di ne tsa kgona go beela kwa thoko dipharologano tse di nang le tsone le maikutlo a a sa siamang a di neng di a bontshana mme tsa simolola go nna seoposengwe.

Pelenyana fela ga fa lobaka lwa tiro ya gagwe lo felelwa ke nakko, o ne a re, “Lemororo NWU ya gompieno e se gore e itekanetse, e na le dikgang tse di kgatlhang tsa go atlega ga yone mo go tsa thuto e e kwa godimo ya mo Aforika Borwa. Mo godimo ga gore Yunibesiti eno e iponele maemo a go kaiwa

e le e e laolwang ka tsela e e molemo go di gaisa mo Aforika Borwa, gape e ne ya newa kabelo ya go bo e ile ya thusa thata mo go rotloetseng tiriso ya dipuo tse di farologaneng le go aga setšhaba mo dingwagweng di le 10 tse di fetileng go gaisa yunibesiti e pe e nngwe mo nageng.

“Mo godimo ga moo, go nnile le makgetlo a mabedi – la ntlha ka 2005 le ka 2008 – a ka one NWU e neng ya bidiwa setheo sa thuto e e kwa godimo sa Aforika Borwa se se nang le mokgwa o moša wa go dira dilo tsa boteteniki go gaisa tse dingwe tsotlhe.

Ngaka Molefe o ne a ba a umaka le ntlha ya gore mo dingwageng tsotlhe tse tlhano tse a ntseng a le Mokhanseliri ka tsone, go a akgolega go bona gore Khansele kgotsa setlhopha sa botsamaisi se ne se sa boife go itebanya le mathata a a raraaneng a loago le a dipolotiki a boswa jwa Aforika Borwa. “Nonofo eno e NWU e nang le yone, mmogo le go ikanyega ga yone, boineelo jwa yone, go sikara ga yone boikarabelo le go nna ga yone le tlotlo, go nnaya tsholofelo ka isagwe ya yone jaaka setheo sa thuto e e kwa godimo se se tlhomelang tse dingwe sekao le go bontsha tse dingwe tsotlhe kafa go ka tshedisanwang mmogo ka gone, go dira le go gatela pele mmogo.”

Ngaka Molefe o ikaeletse go nna a beile Yunibesiti leitlho gore a e bone mo isagweng fa e fitlha kwa mankalengkaleng. O ne a re, “Ke akanya gore motlhatlhami wa me o tla ikutlwa a le motlotlo go okemala setheo seno fela jaaka ke ne ke ikutlwa.”

Morago ga thulaganyo ya go dira ditlhopho, go lebeletswe gore Khansele e tlhome Mokhaseliri yo moša kwa kokoanong ya yone ya di 19 tsa Seetebosigo.

Ditlhopho tse dingwe tsa maemo a a kwa godimo tse di tlileng go okamelwa ke Khansele ke tsa batlhatlhami ba bareketoro ba babedi ba dikhamphase tse di tla tshwarwang moragonyana mo tsamaong ya ngwaga. Lobaka lwa tiro lwa ga Porofesa Piet Prinsloo, e leng Moreketoro wa Khamphase ya Khutlotharo ya Lekwa le tla fela ka di 31 tsa Phatwe 2009 mme la ga Porofesa Annette Combrink, e leng Moreketoro wa Khamphase ya Potchefstroom le tla fela ka di 31 tsa Sedimonthole 2009.

NWU e aba diawate tsa bongaka tsa kakgolo Mo ngwageng ono, Yunibesiti ya Bokone-Bophirima e ne ya aba diawate tse tharo tsa bongaka tsa kakgolo kwa moletlong wa kalogo kwa Khamphaseng ya Potchefstroom ka letlhabula la di 15 tsa Motsheganong. Nngwe ya tsone e ne ya abelwa Porofesa Fritz Ponelis, e leng mankge mo go tsa puo, mme tse dingwe tsa abelwa bomankge ba boditšhabatšhaba ba dijo tse di nang le dikotla, e leng Porofesa John Cummings le Porofesa Barrie Margetts go tswa kwa UK, ba ba neng ba thusa fela thata ka go tlhomiwa ga lefapha la patlisiso la NWU, Africa Unit for Transdisciplinary Health Research (AUTHeR).Mo go one moletlo oo wa kalogo, Rre Unré Visagie, mongwe wa bagwedi ba maemo a a kwa godimo thata ba Aforika Borwa, o ne a amogedisiwa mmentlele wa NWU wa Bokhanseliri.Fa pele, go tswa kafa molemeng ke Porofesa John Cummings, Porofesa Barrie Margetts, Ngala Ngoato Takalo (Mokaedi-Mogolo: wa Go Ruta-Go Ithuta e bile gape e le Motlatsa-Mogokgo wa NWU), Porofesa Annette Combrink (Moreketoro: wa Khamphase ya Potchefstroom) le Mohumagadi Dorothy August (Mokwadisi: mo Khamphaseng ya Potchefstroom). Kwa morago ke Porofesa Mariëtte Lowes (Motlatsa-Moreketoro: wa Akatemi), Pororesa Daan van Wyk (Motlatsa-Moreketoro: wa Boleng le Thulaganyo), Rre Unré Visagie (yo o amogedisitsweng Mmentlele wa Bokhanseliri) le Porofesa Fritz Ponelis.

6 I

Batlhatlheledi ba ba etelang pele ba bona dikabelo tsa boitseanape

DIKGANG TSA SETHEO

Dikabelo tsa ngwaga le ngwaga tsa boitseanape jwa go ruta di abetswe batlhatlheledi ba ba 35 ba mo

dikhamphaseng tsa Potchefstroom le Khutlotharo ya Lekwa mme ga abelwa le moeteledipele wa bone botlhe.

Moporof Nico van der Merwe wa kwa Sekolong sa Disaense tsa Palotlotlo ka mo Khamphaseng ya Potchefstroom le Moh Hayley Williams wa kwa Sekolong sa Disaense tsa Maitsholo wa kwa Khamphaseng ya Khutlotharo ya Lekwa ba biditswe maina go nna batlhatlheledi ba bafenyi ka mo dikhamphaseng tsa bone ka mo tinareng e e neng e ba tlotla ka mo Potchefstroom.

Kabelo e nngwe e e kgethegileng e ile ya abelwa kumo ya popo go Moh Haidee Kruger wa Sekolo sa Dipuo sa kwa Legorong la Botho kwa khamphaseng ya Khutlotharo ya Lekwa. O gatisitse buka ya gagwe ya ntlha ya maboko ya “Lush:poemsfor fourvoices”ka2007mmeobonwa a le yo mongwe wa baboki ba bokamoso mo Aforikaborwa.

Gape dikabelo tsa ITEA(Institutional Teaching Excellence Awards) di ile tsa abelwa batlhatlheledi ba bangwe ba ba 32, ba ba 27 go tswa moKhamphaseng ya Potchefstroom mme ba ba 5 go tswa kwa Khamphaseng ya Khutlotharo ya Lekwa.

Go ne go na le baakatemi ba palo go tswa kwa Khamphaseng ya kwa Mafikeng ba ba neng ba ikwadisitse le bone mme ka ntlha ya ditiragalo kwa khamphaseng ya bone le go emisa ga dithuto ga ba a kgona go fetsa porokerama ya go atlholwa mo ITEA. Ba tla fetsa porokerama ya ITEA ka 2009.

Ka mo dikabelong tsa ITEA tse di abetsweng batlhatlheledi ba dikhamphase tsa Potchefstroom le ba Khutlotharo ya Lekwa di ne di abelwa mo dikarolong tse tharo. Di le 13 di ne di le tsa ITEA tsa Prestige mme di le 10 di ne di le tsa ITEA mme di le 9 di ne di le tsa Porokerama ya Tlhabololo ya Boitseanape jwa Go Ruta.

Ngk Ngoato Takalo, Motlatsaporinsipala wa YBB le Mokaedimogolo wa go Ruta le go Ithuta o ne a tlotla bafenyi ba dikabelo go tswa

Batlhatlheledi ba ba tlhano go tswa kwa Khamphaseng ya Khutlotharo ya Lekwa ba ba amogetseng dikabelo tsa bone tsa ITEA ka tinara ya tlotlo. Go tswa mo molemeng go na le Moh Fatima Raymakers, moamogedi wa kabelo go tswa mo Sekolong sa Disaense tsa Thuto, Ngk Leon Moolman, moamogedi wa kabelo go tswa mo Sekolong sa Disaense tsa Maitsholo, Moporof Linda du Plessis, Motlatsa-Moreketoro: Akatemi le Maano, Moporof Piet Prinsloo, Moreketoro: Khamphase ya Khutlotharo ya Lekwa, Moh Hayley Williams, moamogedi wa kabelo go tswa mo Sekolong sa Disaense tsa Maitsholo le mofenyi wa go nna motlhatlheledi wa maemo a ntlha kwa Khamphaseng ya Khutlotharo ya Lekwa, Moporof Tinie Theron, Modiini: Legoro la Botho le Ngk Mirna Nel, moamogedi wa kabelo go tswa mo Sekolong sa Disaense tsa Thuto. Moamogedi yo mongwe wa kabelo go tswa mo Sekolong sa Disaense tsa Thuto, Ngk Ike Xaba o ne a se teng fa go tsewa setshwantsho.

Bafenyi ba dikabelo tsa ITEA ba mo Khamphaseng ya Potchefstroom go tswa mo molemeng ke Hesta Vosloo wa Sekolo sa Fisika, Moh Karen Puren wa Sekolo sa Disaense tsa Tlholego le Tlhabololo, Mor Duane Aslett wa kwa Sekolong sa Disaense tsa Palotlotlo, Moporof Annette Combrink, Moreketoro:Khamphase ya Potchefstroom, Moporof Nico van der Merwe wa kwa Sekolong sa Disaense tsa Palotlotlo le mofenyi wa motlhatlheledi wa maemo a ntlha mo Khamphaseng ya Potchefstroom, Moh Karin Botha wa mo Sekolong sa Taolo ya Kgwebo le Ngk Cara Jonker wa kwa Sekolong sa Disaense tsa Metswadithuso ya Batho.

Moporof Nico van der Merwe le Moh Hayley Williams ba biditswe maina go nna batlhatlheledi ba ba itlhaotseng go nna mo maemong a ntlha ka mo dikhamphaseng tsa bone. Eish! E ba boditse gore ke eng se se dirileng gore ba amogele dikgele tse mme ba itlhaole. Dikarabo tsa bone ke tse di latelang:“Go botlhokwa thata gore o kaele baithuti tsela gore mo bofelong ba kgone go bopa sešwa le gore ba kgone go akanya ka bobone. Fa e le gore mo bofelong ba na le kitso ya teori le ya thekeniki fela kwa ntle ga go na le kitso ya go ka akanya ka bobone le go itirela mo ditikologong tsa ditiro tsa bone tse di nnang di fetoga, ke dumela ke tlabo ke feitse go dira tiro ya me ya botlhatlheledi. Ke na le phisego e kgolo ya serutwa sa me mme ke akanya gore baithuti ba lemoga se ka gore ke itumela thata fa ke bona ba amogela kitso le bokgoni jo ke bo rutang.” - Moporof Nico van der Merwe, Sekolo sa Disaense tsa Palotlotlo, Khamphase ya Potchefstroom.

Motlhatlheledi yo o nang le bokgoni jo bo tlhokegang o tshwanetse go lemoga botlhokwa jwa go ipaakanyetsa dithuto thata, ka thulaganyo, kitso e e tseneletseng le ka mekgwa ya go atlhola e e siameng. O tshwanetse go kgona go fetola le go baakanya ka mo phaposiborutelong le kwa ntle ga yone gore o kgone go arabela ditlhokego tsa pharologantsho. Gape go botlhokwa go itlhatlhoba le go ineela go ka bona le go netefatsa mekgwa ya go ruta le go kwa ikisa kwa godimo ga go nna motlhatlheledi wa letsatsi le letsatsi fela.” - Moh Hayley Williams, Sekolo sa Disaense tsa Maitsholo, Khamphase ya Khutlotharo ya Lekwa

go Balaoding ba Setheo mme a ba tlotla gape ka go emela baithuti ba kgale le jaanong le ba ba tlang. “Re le tlotla ka boineelo jwa lona mo thutong ya boitseanape,” ga re ene.

Batsayakarolo ba ile ba atlholwa ke panele ya balekane ba baakatemi ka go lebelela poposešwa ka mo dithutong tsa bone tsa baithuti le go lebelela boitseanape jwa bone le go atlhola tirisanommogo ya bone le baithuti le potefolio ya bone e ba e baakantseng.

Maikaelelo a ITEA ke go tlhotlheletsa batlhatlheledi ba ba thapetsweng ruri ba ba tsayang karolo mo go ruteng ga baithuti ba mo YBB go tlhabolosa bokgoni jwa bone jwa go ruta le go bontsha gore mekgwa ya bone ya go ruta go arabela ditlhokego tsa OBE.

Se se dirang motlhatlheledi yo o nan le bokgoni

ber

a

rh

DIKGANG TSA BOLAODI JWA SETHEO

I 7

Leno ke lekgetlo la ntlha le ka lone Yunibesiti e nnileng le Motsamaisi yo o ineetseng wa Leinakgwebo gore a laole leinakgwebo la

NWU le letshwaokgwebo mo setlamong sotlhe. Mohumagatsana Cameron, yo pele a kileng a bo e le motsamaisi wa Graphikos, e leng setudio sa dithalwa tsa boakanyetso mo Khamphaseng ya Potchefstroom, o ne a fudugela mo maemong a maša ano a a sa tswang go tlhomiwa mo go one go simolola ka Motsheganong.

O ikemiseditse go lebana ka katlego le dikgwetlho tse di larileng kwa pele ga gagwe e bile a re e e tla nnang kgolo go di gaisa tsotlhe ke ya go dira gore botlhe ba rekolole dišere tsa bone le go dira gore ba nne le seabe mo go diriseng thulaganyo ya leinakgwebo mo mafapheng otlhe. “Re tshwanetse go naya botlhe mabaka a a utlwalang a botlhokwa jwa go dirisa leinakgwebo ka tsela e e tshwanang mo dikhamphaseng tsotlhe le kwa Ofising ya Setheo, ba dire jalo ba ntse ba akanyetsa maikutlo a ba bangwe malebana le tiriso ya lone.”

Tsela ya gagwe ya bolaodi le maitemogelo a gagwe a go ruta le a inteseteri di mmaya mo maemong siameng a a tla dirang gore a kgone go lebana le dikgwetlho tseno. “Maitshetlego a ke nang le one a moakanyetso a tla nthusa go rarabolola mathata a ponalo ya dilo, fa maitemogelo a ke nang le one a bolaodi one a nthusitse gore ke tlhaloganye tsamaiso ya tsa ditšhelete le lefapha la badiri mme go nna ga me le seabe ka Leinatshwao la Kgwebo la Setheo go nneile maitemogelo a gore ke kgone go dirisana le mathata a a amanang le leinakgwebo.”

Motlhokomedi yo moša wa leinakgwebo o ipaakanyeditse go lebana le dikgwetlho

Mohumagatsana Lindi Cameron wa Khamphase ya Potchefstroom, o tlhomilwe go nna Motsamaisi wa Leinakgwebo mo Ofising ya Setheo. Eish! e ne ya mmotsa ka dikgwetlho tse di larileng kwa pele ga gagwe le gore a ka rata go thusa jang.

Motlhatlheledi:Thekenikone ya Pele ya Khutlotharo ya Lekwa (e gone jaanong e leng Yunibesiti ya Thekenoloji ya Khutlotharo ya Lekwa), le Sekolo sa Papatso sa AAA.Moakanyetso wa Kerafo/Mokaedi wa botsweretshi: Creative Resources Unlimited, McCann Erickson, Trilogy Advertising and DesignMoakanyetso wa kgwebopotlana: Ofisikgolo ya Spitz

Filosofi ya gagwe: Ke rata kgang ya go nna ke ithuta ka dinako tsotlhe le go tokafatsa. Gape dilo tse ke ratang go di gagamalela ke go tshela ka boikanyegi le go sa feteletse dilo. Selo se se botlhokwa thata mo dikamanong tsa me le ba bangwe: Ke rata batho ba ba nang le mekgwa e mentle, ba ba ratang metlae le go tshwara metlotlo e e rotloetsang.Dilo tse ke di ratang: Ba lelapa la me, ditsala, bontle le mmino.

Itshetlego ya boiphediso jwa gagwe

Dintlha tse di kgatlhang

Ka ntlha ya go tlhagafalela thata leinakgwebo le go tlhaloganya ga gagwe tikologo ya NWU, ga go pelaelo gore maloko otlhe a NWU a lebeletse go bona leinakgwebo le leša la NWU le dirisiwa ka go tshwana mo Yunibesiting yotlhe ka mokgwa o moša mme – mo godimo ga tsotlhe - ka tsela e e bontshang go akanyetsa maikutlo a ba bangwe.

Moh Lindi Cameron

Re itumedisitswe thata ke awate ya Lotto

Botsweretshi mo dikhamphaseng tsotlhe tse tharo bo ne jwa simolola ka katlego fa Yunibesiti e ne e newa thuso ya madi

a a fetang R3 milione go tswa mo letloleng la madi a Lotto gore, gareng ga dilo tse dingwe, e reke diletswa tsa mmino tsa borase, seteišene sa radio, didirisiwa tsa mo setudiong le bobogela jwa kwa ntle jo bo nang le serala,

Khamphase ya Mafikeng e neilwe madi a Lotto a a kana ka R1 060 000 gore e age bobogelo jwa kwa ntle jo bo nang le serala, gore e reke didirisiwa tsa modumo le go dira gore diphaposi tse pedi tsa go ikatisetsa mmino e nne tse di sa tseneng modumo. Khamphase

eno e na le baithuti ba le mmalwa ba ba nang le talenta ba e leng maloko a setlhopha sa baopedi sa mo khamphaseng, badiragatsi ba diterama, setlhopha sa maboko, baletsi ba meropa le ditlelapa tsa go tantsha tsa metantsho ya setso, ya Selatine le ya ballroom.

Setudio sa go Rekota sa Artéma sa Khamphase ya Potchefstroom se neilwe bokana ka R966 986 gore se tlhome le go tlhokomela bobogelo jo bo nonofileng sentle jwa go rekota mmino. Mo mading ano otlhe, R445 000 e tla dirisediwa ditshenyegelo tsa go dira gore setudio e nne se se sa tseneng modumo mme R521 986 yone e tla dirisediwa go reka didirisiwa tsa setudio.

Boikaelelo jwa Setudio sa go Rekota sa Artéma ke go rotloetsa talenta ya mmino wa baithuti le wa baopedi ba bangwe ba ba botlana ba ba sa ntseng ba fatlhoga mo go tsa mmino mo Aforika Borwa le go dira gore mmino oo o ratwe.

Khamphase ya Khutlotharo ya Lekwa e abetswe R1 014 615 gore e kgone go diragatsa toro ya yone ya go nna le seteišene sa radio mo khamphaseng. Gape e neilwe R156 141 gore e reke didirisiwa tsa bente tsa borase. Bente e tla itumedisa ditlhopha tsa batho ka mmino fa go na le dikokoano dingwe mo lefelong la Khutlotharo ya Lekwa. Mokaedi: wa Merero ya Baithuti, e leng Rre Jacob Simangop o tla sikara maikarabelo a go tlhongwa ga bente le radio ya mo khamphaseng ka go dirisana mmogo le Sekolo sa Dipuo.

Lekgetlo la ntlha la Senate Di 10 tsa Mopitlwe 2009 e ne ya nna letsatsi le le sa lebalesegeng mo hisitoring ya NWU fa Senate ya yone ya Setheo e ne e kopanela lekgetlo la ntlha-ntlha mo Diphaposing Tse Dintšha tsa Khansele mo Kagong ya Setheo. Senate e na le maloko a le 33 a setheo sa thuto go tswa mo mafapheng otlhe, maloko a mabedi a e seng a setheo sa thuto, mmogo le baemedi ba bangwe ba Setlhopha sa Botsamaisi sa Setheo, Khansele ya Setheo e e Emelang Bathuti, le Khansele ya NWU.

DIKGANG TSA BOLAODI JWA SETHEO

8 I

Malebana le dikhuduego tse di ileng tsa bakwa ke baithuti kwa Khamphaseng ya Mafikeng mo ngwageng o o fetileng,

ga go na pelaelo gore tiro ya Moreketoro, e leng Porofesa Kgwadi, ke ya maemo a a gwetlhang fela thata kwa NWU gone jaanong. Eish! e ne ya mmotsa dipotso di le mmalwa ka maemo a gone jaanong, dikgwetlho tse Khamphase e lebaneng le tsone le botlhokwa jwa go nna a etse maemo tlhoko ...

P: O ikutlwa jang ka maemo a gone jaanong a mo Khamphaseng, fa o akanya ka dikhuduego tse di nnileng gone mo ngwageng o o fetileng?

K: Le mororo botlhe mo khamphaseng ba na le tsholofelo ka maemo a a ritibetseng a gone jaanong, ke dumela gore go tlhalosa maikutlo a batho mo khamphaseng go tshwana le go bolelela pele maemo a bosa a letsatsi: motho o tshwanetse go nna kelotlhoko gore a se ka a tlhalosa gore maemo a bosa a tlile go nna jang letsatsi le sa ntse le ntsha nko. Seno se nkgakolola ka polelo ya bogologolo ya Setswana e ke neng ka e bolelelwa ke rremogolo, ya gore motho a se ka a konela gore maemo a bosa a tlile go nna jang go sa ntse go le mo mosong ka gore a ka nna a fetoga.

P: O akanya gore tsela e e botlhale go di gaisa tsotlhe ya go rarabolola mathata a a tshwanang le dikhuduego tse di bakwang ke baithuti ke efe?

K: Ke dumela gore ka metlha, motho a nne a ritibetse e bile a itse kgato e a tla e tsayang. Jaaka rrasaense, ke dumela gore ke tshwanetse go nna ke ipeetse mokgele le go tlhaloganya bothata pele ke simolola go batlana le tharabololo ya jone. Ka mafoko a mangwe, go botlhokwa go tlhatlhobisisa bothata sentle le go bo nepa. Fa ke dirisa mafoko a tsa kalafi, ke ne ke tla re go tlhatlhoba matshwao a bolwetse jwa mo setheong le go a nepa go tla dira gore ke kgone go bona kalafi e e tshwanetseng ya jone. Motho o tshwanetse go ikemisetsa go utlwa gore ka kakaretso fela, maikutlo a batho ke a a ntseng jang.

P: Mathata a magolo a Khamphase ya gago e nnileng le one morago ga di sena go kopanngwa tsotlhe gore e nne khamphase e le nngwe ke afe mme o ile wa a fenya jang?

K: Bongwe jwa mathata a magolo go a gaisa otlhe morago ga go kopanngwa ga tsone e ne e le go fedisa maikutlo a a fosagetseng a batho ba neng ba na le one ka Khamphase - e bile bothata joo ga bo ise bo rarabologe. Gape re ile ra tshwanelwa ke go laola sentle diphetogo tse di neng di tsena ka go rotloetsa botlhe go di amogela le gore di amogelwe ke ba ba neng ba eteletse pele fa di ntse di tsenngwa. Kgwetlho eno e ne ya tlisa dikhuduego mo Khamphaseng. Fa setlhopha sa botsamaisi se ne se rarabolola mathata ano, se ile sa akaretsa batho ba le mmalwa ba ba nang le seabe mo go tsamaisiweng ga khamphase (baithuti, batsadi le baagi) ka go ba bontsha moago wa mo Khamphaseng le go tshwara mananeo a go ba abela tshedimosetso go tlhomamisa gore dithulaganyo le ditlhabololo tsa mo Khamphaseng di engwa

Go kgaratlhela go dira tiro ya maemo a a kwa godimo (le go ela maemo tlhoko…)Gore re tswelele pele ka go gatisa metseletsele ya ditiro tse di dirwang ke setlhopha sa Batsamaisi sa Setheo sa rona, Eish! e ile ya buisana le Porofesa Dan Kgwadi, Moreketoro wa Khamphase ya Mafikeng, ka ga diphetogo mo setlhopheng sa botsamaisi, tiro ya maemo a a kwa godimo mo go tsa thuto le gore o akanya gore isagwe e tlile go nna jang.

Porofesa Dan Kgwadi

nokeng. Ke dumela gore go dira dilo ka tsela eno go fokotsa bothata ka iketlo.

P: Ke phitlhelelo efe e kgolo go di gaisa tsotlhe e o bonang Khamphase ya Mafikeng e nnile le yone fa e sa le dikhamphase di kopanngwa?

K: Go ile ga tshwanelwa ke gore go lolamisiwe dilo ka gore go dirwe ditirelo mmogo le ditsamaiso tse di farologaneng. Mme re ile ra atlega fela thata mo go fitlheleleng seno. Ga re a tla ka ditirelo tse dintšha fela mme gape re ile ra dira ditiro tse di botlhokwa tsa go tlhabolola dikago gore baithuti le badiri ba solegelwe molemo. Phithelelelo e nngwe e ne ya nna ya go tlhoma Setheo sa Kgwele ya Dinao kaMopitlwe2007.

“Nka rata gore e nne Khamphase e e tla ratwang thata ke baithuti le ke batsadi mo nageng yotlhe - lefelo le batsadi ba tla nnang motlotlo go romela bana ba bone mo go lone.”

“Ke eletsa gore Khamphase e nne e tlhomile mogopolo

mo tirong ya yone e e botlhokwa le gore re tla kgona go tswelela re dira tiro ya rona go ya ka Thulaganyo ya mo Khamphaseng.”

DIKGANG TSA BOLAODI JWA SETHEO

I 9

Dijo tse a di ratang thata: Sejo sepe fela se se foreše go tswa mo mmung – Ga ke je nama.Buka/filimi e a e ratang thata: The Great Controversy e e kwadilweng ke Ellen G White.Ke eng se se intumedisang: Go etela mafelo mangwe ke na le banake le go ipha nako le ba lelapa la me.Se ke ratang go se bona mo bathong: Boitumelo.Tsholofelo ya me ka setšhaba sa Aforika Borwa: Go kgona go fenya dikgwetlho tsotlhe.Motho yo o tumileng yo ke ka ratang go tshwara motlotlo le ene: “Batho Cada” Cadaboy DJ kwa Lesedi FM Radio – Ke kgatlhwa ke tsela e a ratang tiro ya gagwe thata ka gone le ka moo a tlhotlheletsang baša ka gone.Se ke se dirang fa ke tlhabile kgobe ka mmutla: Ditiro tsa mo ntlong, go baakanya dilo le go apaya.Malatsi a boikhutso a a nnileng monate go a gaisa otlhe: Nako e ke ileng ka e itumelela ke na le lelapa la me le ditsala kwa Mofufutso 2.Lelapa la rona: Leina la mosadi wa me ke Mabel mme la morwadiake ke Ofentse. Ba bangwe ba losika ke Sello le Oageng.

Leboko la mokwalo:

Tshedimosetso ka ene

P: Ke dikgwetlho dife tse Khamphase e lebaneng le tsone gone jaanong?

K: Re tshwaragane le go dira thulaganyo ya gore re nne le dithuto tsa maemo a a kwa godimo. Re tlhomile dithulaganyo di le mmalwa tsa gore re kgone go fitlhelela seno, ka sekai, jaaka go abela baithuti ba e leng baalogi ba ba boneng di dikirri diawate mmogo le baithuti ba ba dirileng ka natla ba ba ithutelang dikirii ya bone ya ntlha mo legorong lengwe le lengwe la dithuto. Gape re ela tlhoko gore maloko a badiri ba newa moputso wa tiro ya maemo a a kwa godimo ya go ruta mmogo le ya go dira patlisiso. Mo godimo ga moo, re tlhomile mogopolo mo go rarabololeng mathata le go dira gore Khampase e nne le leina le le siameng.

P: Ke dilo dife tse Khamphase ya gago e dirang sentle mo go tsone?

K: Le fa e na le batho ba ba dumelang dipuo tse di seng boammaaruri ka yone, ke Khamphase e e nayang baithuti dithuto tsa maemo a a kwa godimo

– e ntsha barutegi e bile re na le mananeo a maemo a a kwa godimo. Gape, Khamphase e ntshitse baithuti ba ba mo maemong a a kwa godimo mo pusong le mo di intesetering tse dingwe. Lebaka fela la go bo Khamphase eno e ngoka baithuti go tswa kwa dinageng di sele mmogo le badiri go tswa mo Aforika yotlhe, le dira gore e nne ya maemo a a kwa godimo.

P: Ke eng se o se ratang ka tiro ya gago?

Thuto

Sekolo sa Sekontari: Sekolo se Segolo sa Kebalepile, ka Mafikeng: Dikirii ya Bsc: Yunibesiti ya Bophuthatswana, ka 1990Dikirii ya Msc: Yunibesiti ya Ball State, kwa USA, ka 1992PhD mo dithutong tsa Fisikisi: Yunibesiti ya Potchefstroom ya Thuto e e Kwa Godimo ya Sekeresete, ka 2002 (le go e tlaleletsa ka go ithutela go Rutwa ga Barutabana) MPhil: University of the North (a Ithutela Molao wa Tsa Tikologo le Bolaodi jwa Yone)

Boiphediso

Morutabana wa fisikisi: Sekolo se Segolo sa PhatsimaMotlhatlheledi le Tlhogo ya Lefapha la Fisikisi: Yunibesiti ya Bokone-Bophirima,Motlhatlhobi wa kwa ntle ga setheo: Radmaste Centre, Wits University Motsamaisi-Mogolo/Mookamedi wa Tekolo: Motšhini wa Bosetšhaba o o Fetlhang Maatla a Nyutlelia, mo Aforika Borwa

K: Ke tiro e e gwetlha le e e kgatlhang e e nang le maikarabelo a a seng kana ka sepe. Go okamela diphetogo tse di nnileng gone mmogo le go kaela Khamphase gore e nne ya maemo a a kwa godimo ke selo se se kgotsofatsang e le tota.

P: Fa o leba kwa pele mo isagweng, ke eng se o se eletsang ka karolo ya bobedi ya 2009?

K: Ke eletsa gore Khamphase e nne e tlhomile mogopolo mo tirong ya yone e e botlhokwa le gore re tla kgona go tswelela re dira tiro ya rona go ya ka Thulaganyo ya mo Khamphaseng.

P: O akanya gore Khamphase e tla bo e ntse jang mo dingwageng di le lesome tse di tlang?

Re tshwaragane le go dira thulaganyo ya go

aga setso se sentšha sa go ineela go nna le dithuto

tsa maemo a a kwa godimo

Ke bona Khamphase ya Mafikeng e e tla bong e fetogile, e tokaditse fela thata mo tirong ya yone, e na le ditsamaiso le dithulaganyo tsa maemo a a kwa godimo. Nka rata gore e nne Khamphase e e tla ratwang thata ke baithuti le ke batsadi mo nageng yotlhe - lefelo le batsadi ba tla nnang motlotlo go romela bana ba bone mo go lone.

P: Fa go ka direga gore o tswe mo NWU letsatsi lengwe, ke eng se o ka ratang go se tlogelela khamphase eno?

Nka rata go tlogela khamphase e e ineetseng go dira tiro ka mabogo a a duleng diatla, e e dirang dilo go ya ka thulaganyo ya setheo le go ya ka molaotheo wa naga ya rona.

10 I

Baithuti ba ba folotseng ka dinaledi ba newa meputso

DIKGANG TSA KHAMPHASE MAFIKENG

E ne ya nna lekgetlo la ntlha-ntlha gore baithuti ba ba fitlheletseng dithutego tsa bone ka dinaledi ba newe meputso e e kgethegileng ka nako ya

kalogo ya bošeng jaana e e neng e tshwaretswe kwa Khamphaseng ya Mafikeng.

Baithuti ba le supa ba ne ba amogela dikabelo go tswa kwa ofising ya Moreketoro: mongwe le mongwe wa ba ba fitlheletseng di dikirii tsa bone o ne a newa R5 000, mme ba ba fitlheletseng dipoloma bone ba ne ba newa R2 000 mme ba ba amogetseng ditifikeiti bone R1 000.

Mo meletlong e le thataro ya kalogo e e neng e tshwerwekadi15lekadi17tsaMoranang2009kwaMafikeng, go ne ga abiwa di dikirii di le 1 371, goakaretsa le di dikirii tsa masetase di le 41 le tse tharo tsa bongaka.

Barui ba dikgomo tsa Nguni ba solegelwa molemo ke seabe se NWU e nang le sone

Mo ngwageng ono balemirui ba bangwe ba le 10 kwa Porofenseng ya Bokone Bophirima ba tlile go newa, mongwe le

mongwe wa bone, motlhape wa dikgomo di le 24 tsa Nguni go tswa kwa Teraseteng ya Tlhabololo ya Dikgomo Tsa Nguni e eleng tiro e Yunibesiti e nnang le seabe mo go yone.

Porojeke eno e simolotse ka 2006 e le kgwebisano ya ditlamo di le tharo tsa Koporasi ya Tsweletso ya Madirelo (IDC), Lefapha la Temothuo, Tshomarelo le Tikologo (DACE), le NWU. Fa e sa le terasete eno e tlhomelwa go kgontsha balemirui gore ba nne le bokgoni mo tirong ya bone, balemirui ba le 20 ba solegetswe molemo ke porojeke eno.

Seabe se NWU e nang le sone, mme segolobogolo se Sekolo sa Temothuo mo Legoreng la Temothuo, Saense le Thekenoloji kwa khamphaseng ya Mafikeng se nang le sone, ke go tlamela ka bokgoni jo bo oketsegileng jwa thekenoloji le jwa saense le katiso go dira gore balemirui ba ba solegelwang molemo ke porojeke eno e nne barui ba ba atlegileng ba dikgomo tsa Nguni.

Yunibesiti e na le moemedi mo Botong ya Batlhokomedi ya Nguni e leng Porofesa Sevid Mashego (Motlatsa-Moreketoro: wa Boleng le Thulaganyo) le Porofesa Moses Mbewe (Mokaedi: wa Sekolo sa Disaense Tsa Temothuo). Dingwe tsa dikgomo tsa Nguni tse di neng tsa newa ba ba neng ba solegelwa molemo ke porojeke eno.

Ba ba neng ba na le seabe mo moletlong wa kalogo e ne e le, go tswa ka fa molemeng, Porofesa Mogege Mosimege, Motlatsa-Moreketoro: wa Akatemi, Porofesa Dan Kgwadi, Moreketoro: wa Khamphase ya Mafikeng le Porofesa Sevid Mashego, Motlatsa-Moreketoro: wa Boleng le Thulaganyo.

Maloko a maša a Senate ya Setheo

Ngaka Kgomotso Masemola wa Legora la Disaense Tsa Batho le Tsa Loago le Rre Gideon Rossouw wa Legora la Molao ba

tlhophilwe go nna maloko a Senate ya Setheo.Gape ba tla nna maloko a Komiti ya Senate ya

Khamphase ya Mafikeng.Ngaka Masemola le Rre Rossouw ba ne

ba tlhophiwa jaana go tlatsa diphatlha tse di neng tsa bulega fa mo go tsone go ne go tswa Mohumagatsana Sarah Niemand wa Legora la Disaense Tsa Loago le Rre Steve Monye wa Legora la Molao.

Ngaka Kgomotso Masemola wa Legora la Disaense Tsa Batho le Tsa Loago.

Rre Gideon Rossouw wa Legora la Molao.

I 11

Mmatlisisi o ntsha tlhagiso ka dikotsi tsa DDT

DIKGANG TSA KHAMPHASE POTCHEFSTROOM

Porofesa Henk Bouwman wa Sekolo sa Disaense tsa Tikologo o ne le ene a latlhela tlhware legonnyana malebana le ditshwaelo tsa panele

ya boditšhabatšhaba ya pholo le tsa banetetshi ba ba ithutileng ka botlhole le ditlamorago tsa jone ba ba neng ba tlhalosa matshwenyego a bone ka tiriso ya DDT ya go thibela malaria.

Panele e dumela gore tlwaelo e e latelwang ga jaanong jaana ya go kgatsha DDT mo teng ga ntlo e felela ka gore batho ba e kgome ka bontsi – kwantle ga gore go e kgoma ga bone go laolwe ka tsela e e lekaneng. Polelo eno e botlhe ba neng ba dumalana le

yone e ne ya tlhagisiwa kwa khonferenseng e e neng e tshwaretswe kwa S. Louis, Michigan kwa USA. ka mopitlwe 2008 .

Patlisiso ya ga Porofesa Bouwman e bontshitse gore DDT e e fitlhetsweng mo mašing a lebele e tshwanetse ya bo e tsene batho ka ntlha ya go bo ba ile ba kgoma khemikhale eno mo teng ga matlo le ka kwantle ga one, mme ga e a ba tsena ka dijo jaaka fa pele go ne go akanngwa gore e ba tsena ka tsone.

A re, “Ga re a tshwanela go leba DDT fela, mme re tshwanetse gore gape re lebe le dilo tse dingwe gape tsa go bolaya ditshenekegi tse di dirisediwang go thibela malaria le dilo tse dingwe tse di tlisang kgotlelo tse di ka nnang tsa baka ditlamorago tse di sa siamang le tse di raraaneng tsa pholo le tsa mo tikologong.”

Babatlisisi ba gateletse botlhokwa jwa go batla ditsela tse di botoka, tse di sireletsegileng tsa go thibela malaria, tse di se kitlang di baka mathata a pholo le a tikologo.

Rre Attie Jonker, mankge wa tlhamo ya difofane le go di fofisa e bile e le motlhatlheledi kwa Sekolong sa Boenjenere

Jwa Metšhini, o neilwe Kabelo ya Mmentle wa Gauta wa Neels van Niekerk ka ntlha ya Phitlhelelo ya gagwe e e Tlhomologileng mo go tsa Boenjenere Jwa Tlhamo ya Difofane go tswa kwa Mokgatlhong wa Tlhamo ya Difofane le go di Fofisa wa Aforika Borwa (RAeS). Kabelo eno ke ya JSI Revelation, e leng sefofane se se potlana se se senang enjene se se dirilweng ke Jonker Sailplanes, e beng ba yone e leng bana ba motho, Attie le Uys Jonker mmogo le Johan Bosman, yo e leng moithuti wa nako e e fetileng wa ga Attie.

Kabelo eno e bontsi jo bo seng kana ka sepe bo buang ka yone e abilwe gabedi fela mo dingwageng di le masome a mabedi tse di fetileng, bobedi jwa ntlha go e amogela e ne e le Rooivalk le Celstar.

Gape, Jonker Sailplanes o ne a amogela Mmentlele wa boronse kwa Mokgatlhong wa Royal Aeronautical wa Yuropa ka Diphalane tsa ngwaga o o fetileng.

Mankge wa Sailplane o newa mmentlele wa gauta

Porofesa Henk Bouwman

Bomorwaa Jonker, Uys le Attie, le fefofane sa bone se se potlana sa JS1 Revelation.

Baakatemi ba le barataro ba akgolwa ke Akatemi ya Saense le Botsweretshi

Baakatemi ba le barataro ba Khamphase ya Potchefstroom ba ne ba akgolwa ke SA Akatemi ya Saense le ya Botsweretshi mo ngwageng

ono ka ntlha ya patlisiso ya bone ya maemo a a kwa godimo.

Porofesa Daan Wissing, mmatlisisi-mogolo mo go tsa thekenoloji ya puo kwa Tikatikweng ya Mokwalo wa Thekenoloji [Centre for Text Technology (CTexT)], o ne a newa moputso wa CJ Langenhoven wa saense ya tsa puo, fa Porofesa Petra Engelbrecht, e leng Modini wa Legoro la Disaense Tsa Thuto, ene a ileng a newa mmentlele wa go mo akgolela go bo a

ile a rotloetsa serutwa sa saense mo tirong ya gagwe ya go ruta.

Moputso wa Havenga wa disaense tsa mmetshe, tsa dikhemikhale kgotsa tsa bonetetshi o ne wa newa Porofesa Jan Swanepoel wa Lefapha la manaanepalo mme moputso wa FARMOVS wa go ithuta ka diokobatsi le melemo ya kalafi le go tlhama diokobatsi o ne wa newa Porofesa Theo Dekker wa Sekolo sa Bokhemisi.

Dimmentlele tse dingwe tse pedi tsa segopotso di ne tsa abelwa maloko a badiri a Sekolo sa Disaense

Tsa Tikologo le Tlhabololo. Porofesa Gert Krüger o ne a newa mmentlele wa Scott wa Mokapotene-mogolo wa tiro e e tlhomologileng e a e dirileng jaaka mobaeoloji mo Borwa jwa Aforika. Mmentlele wa Scott wa Mokapotene-potlana o ne wa newa Ms Elmien Heyneke e le wa pego e e di gaisitseng tsotlhe ya MSc mo disaenseng tsa thutadimela kwa yunibesiting ya Aforika Borwa.

Ba ba ikgapetseng moputso ono ba tla newa dikabelotsabonekadi27tsaSeetebosigofagotlabo go ketekwa ngwaga wa bo lekgolo wa Akatemi kwa Bloemfontein.

Porofesa Daan Wissing Porofesa Petra Engelbrecht, Porofesa Jan Swanepoel Porofesa Gert Krüger Moh Elmien Heyneke

12 I

DIKGANG TSA KHAMPHASE YA VAAL TRIANGLE

Bomankge ba bararo ba patlisiso ba tokafatsa dipholo tsa patlisiso

Dikgaisano Tsa Metshameko ya NWU ya Khutlotharo ya Lekwa di solegela batshameki ba ba botlana molemo

Go lebeletswe gore go tlhomiwa bošeng jaana ga bomankge ba bararo ba baša ba patlisiso, ba tiro e e seng ya nakwana,

go tokafatse dipholô tsa tiro ya patlisiso mo Khamphaseng.

Legoro la Dirutwa ka Mekgwa ya Batho le ne la amogela Porofesa Susan Coetzee van Rooy jaaka moeteledipele wa patlisiso fa monna wa gagwe ene, e leng Porofesa Bertus van Rooy, a ne a tlhomiwa jaaka porofesa wa patlisiso mo Sekolong sa Dipuo. Pele a tlhomiwa mo Khamphaseng eno, Susan e ne e le Mokaedi wa Setheo: wa Tlhabololo ya Akatemi le Tshegetso mme Bertus ene e ne e le motlhatlheledi mo Sekolong sa Dipuo mo Khamphaseng ya Potchefstroom.

Legoro la Disaense Tsa Ikonomi le Tshedimosetso ya Thekenoloji le ne la amogela Porofesa Jan Kroeze jaaka porofesa wa tiro e e seng ya nakwana ya patlisiso mo Sekolong sa Tshedimosetso ya Thekenoloji. Porofesa Kroeze yo o nang le dikerii C tse pedi tsa bongaka, e nngwe ya Sehebera mme e nngwe e le ya Tshedimosetso ya Thekenoloji, ke mankge mo tirong ya go kwala ka meepo.

Go ne go tshwerwe phage ka mangana mo lebaleng la rugby mo Metshamekong ya bošeng jaana ya NWU ya Khutlotharo ya Lekwa.

Porofesa Jan Kroeze

Porofesa Thapelo Selepe

Porofesa Thapelo Selepe, morati wa kgwele ya dinao le motlhatlheledi wa kwa Khamphaseng ya Khutlotharo ya Lekwa, o tlhophilwe gore a thuse ka go tlhama mareo a Sesotho le gore

kgabagare a a lekeletse, a a tlileng go dirisiwa ka nako ya sejana sa lefatshe sa kgwele ya dinao.

Eno ke karolo ya Porojeke ya Mareo a Kgwele ya Dinao ya 2010 e Lefapha la Botsweretshi le Setso le e simolotseng go dira gore Sejana sa Lefatshe sa Kgwele ya Dinao sa 2010 e nne se se botlhokwa le go dira gore kgaisano eno e ngoke balatedi botlhe ba yone ba Ba-Aforika Borwa. Boikaelelo jwa porojeke eno ke go

Dikgaisano tsa Metshemako ya bošeng jaana ya mo NWU ya Khutlotharo ya Lekwa di netefatsaditse gape gore khamphase eno e na

le seabe se se botlhokwa mo baaging.Tiragalo eno, e Khamphase e neng e e tshwara

lekgetlo la bo 13 mme e e kopanetse le Sekolo se Segolo sa Vanderbijlpark, e ne ya ngoka babogedi ba ba fetang 5 800 le baithuti ba dikolo tse dikgolo ba ba ka nnang 6 000 go tswa kwa dikolong di le 19 ba ba neng ba nna le seabe mo go yone. Dikgaisano tseno di ne tsa fetsa lobaka lwa dibeke di le nnè di ntse di tsweletse mme dikolo di ne tsa gaisana mo metshamekong ya rugy, bolotloa le hockey.

Ka nako ya moletlo wa go tswalela o o neng o tshwaretswe kwa Isak Steyl Stadium kwa Vanderbijlpark, Rre Piet van Wyk, mmapatsi yo mogolo wa mo Khamphaseng o ne a gatelela ka fa khamphase e emang metshameko eno nokeng ka gone. O ne a oketsa ka gore Khamphase e naya baša ba ba ratang metshameko le ba ba nang le bokgoni tshono ya go bapala maitemogelo – mo mabaleng a metshameko le mo dithutong tsa bone - gore ba nne le isagwe e e itumedisang.

Khamphase e ile ya nna motlotlo go bo e ile ya ema tiragalo eno nokeng ka ditšhelete ngwaga wa botlhano ka go tlhomagana. Dikgaisano tseno di ne tsa fetsa lobaka lwa dibeke di le nnè di ntse di tsweletse mme dikolo di ne di gaisana mo metshamekong ya rugy, bolotloa le hockey.

Porofesa Susan Coetzee van Rooy le monna wa gagwe e leng, Porofesa Bertus van Rooy.

Go rata puo le kgwele ya dinao ga ga porofesa go tla solegela 2010 molemo

tlhama mareo a kgwele ya dinao ka dipuo tsotlhe tsa semmuso le tse di tlholegileng mono.

Go ya ka Porofesa Selepe, ditlhopha tse di farologaneng tsa porojeke di tla tlotla gore ke mareo afe a a leng gone di bo di tlhama mareo a maša moo a tlhaelang gone.

Fa e sa le a sena go tlhongwa mo Khamphaseng ka 1998, Porofesa Selepe o ntse a nna le seabe mo diporojekeng di le mmalwa tsa kgaolo le tsa bosetšhaba tsa go tlhama mareo. Ke molatedi yo mogolo wa kgwele ya dinao fa a riana – segolobogolo wa setlhopha sa Kaizer Chiefs.

I 13

DIKGANG TSA BOLAODI JWA SETHEO

Le wena o ka nna mofenyi!

Mo kgatisong eno ya Eish! re go naya tshono e nngwe gape ya gore kgwebo ya gago e ikgapele sephuthelwana sa mpho.

Le fa go ntse jalo re a go tlhagisa gore: Malepa ano a mafoko a thatanyana go gaisa a nako e e fetileng. Go na le gore o batle dikarabo mo setlhogong se le sengwe fela, o tla tshwanelwa ke go bala ditlhogo tsotlhe mo kgatisong ya Eish! gore o kgone go fetsa malepa ano.

Romela malepa a gago a o a feditseng le leina la gago le dinomore tsa go ikgolaganya le wena kwa go [email protected] kgotsa kwa nomoreng ya fekese ya (018) 299 4938. Pampiri ya ntlha ya dikarabo tse di nepagetseng go tswa kwa setheong sengwe le sengwe sa kgwebo e tla dira gore yo o e rometseng a ikgapele moputso.

Go ya kwa tlase (t)

1. Sefane sa mongwe wa bafenyi ba ba lesego wa mpho ya bautšhara wa Letsatsi la Tsalano le ba Bangwe mo Khamphaseng le balega jaaka leina la kgwedi

2. Mofuta wa dipontsho tsa mo bobogelong tse di tla tshwarwang go rarabolola mathata a a amanang le go tlhoka kutlwano.

3. Mozart o tlhaga makgetlo a le kae mo kgatisong fya Eish?

4. Kwa bokhutlong jwa loeto lwa yone, HEQC e ne ya ntsha ditshwaelo ka ______.

5. Mongwe wa batho ba ba tla nnang le seabe mo dipontshong tsa dipharologano moragonyana mo ngwageng ono

6. Mofuta wa dikgomo tse di dirisiwang mo porojekeng go solegela balemirui molemo.

7.Otshwanetsegodiramaitekoanogoreotlhophelwego dira tiro ya maemo a a kwa godimo.

Go kgabaganya (k)

1. Sefane sa motho yo e neng e le Motšhaselara wa NWU.

2. Diawate tseno tsa tsela ya maemo a a kwa godimo a

Rre Bethuel Ngakane Rre Billy Lodewyk Rre Penrose Diphoko

Porofesa Heleen Janse van Vuuren

go ruta di abiwa ngwaga le ngwaga. 3. Ke eng se se tla solegelwang molemo ke thuso ya

madi a Lotto?4. Bošeng jaana go ne ga tlhomiwa motsamaisi yo

moša wa _______ kwa Ofising ya Setheo.5. Ke lobaka lwa tiro ya maemo afe kwa Yunibesiting lo lo

neng lwa felelwa ke nako ya lone ka Motsheganong 2009?

6. Porofesa Henk Bouwman o ne a tlhalosa matshwenyego a gagwe ka tiriso ya selo seno sa go

bolaya ditshenekegi.7.Sefanesamongwewababalesegoyooikgapetseng

mpho ya bautšhara ka nako ya Letsatsi la go Tsalana le ba Bangwe mo Khamphaseng.

8. Nngwe ya dikgwetlho tse dikgolo go di gaisa tsotlhe e e umakilweng ke panele ya HEQC ke tlhaelo ya ______ mo dikhamphaseng dingwe.

Ke bafenyi!

Re akgola bafenyi ba kgaisano ya malepa a mafoko e e tlhagisitsweng mo kgatisong ya Eish! ya Mopitlwe! Mongwe le mongwe wa maloko a

a latelang a badiri ba NWU o ikgapetse sephuthelwana sa mpho ya kgwebo:

Rre Bethuel Ngakane (Khamphase ya Mafikeng)•Rre Billy Lodewyk (Khamphase ya Potchefstroom)•Porofesa Heleen Janse van Vuuren (Khamphase ya •Khutlotharo ya Lekwa) Rre Penrose Diphoko (Ofisi ya Setheo).•

o bopelotelele mme o ineela gotlhe gore maotwana a mo Khamphaseng a tsamaye sentle.”

Mor Louis Jacobs, Mokaedi: Tlhaeletsano ka mo Ofising ya Setheo, a re mmopi wa kerafo Mor

William Scott, wa kwa Graphikos ka mo Khamphaseng ya Potchefstroom, le ene o tlhoka go bidiwa leina ka a le modiri wa mo YBB yo o ineelang le ene mo tirong ya gagwe. O akanya gore bokgoni jwa gagwe jwa go ka reetsa sentle fa modirelwa a mo tlhalosetsa ditlhokego tsa gagwe le go atlhola sentle gore o tlhoka

eng go dira gore mo bofelong a dire tiro ya gagwe ya popo ka nepagalo e kgolo. “Mo dikopanong tsa me le William mo re tlhokang tiro ka pele, nako yotlhe o go direla nako le fa a na le tiro e ntsi mme nako e ntsi fa wena o kgotsofetse ka tiro e a go e diretseng o nna a tswelela go tokafatsa tiro e a go e direlang. Thata fa a dira tiro mabapi le letshwaokgwebo la YBB o dira ka kelotlhoko gore Dikaelo tsa Korporatifi tsa Tlhaolo di diriwa fela jaaka kaelo ya tlhaka le tlhaka.”

Ka mo Khamphaseng ya Khutlotharo ya Lekwa, Moh Annette Willemse wa Lefapha la go Maketa

le Neeletsanyo o go tsamaela (nnyaa, o go tabogela!) maele ya bobedi. Moh Helei Jooste o mo tlotla ka poposešwa le ka dineo tsa gagwe ka mafoko. “Badirammogo le baithuti ba rata go bua le ene mme o go fa nako ya gagwe, le dineo, le megopolo, le mafoko a gagwe a a tshegisang. Mo go Annette, go thusa le go ema mongwe nokeng

ga di nke di le tiro e e mo imelang – o thusa badirelwa go fitlhela kwa bokhutlong.”

Moh Sindy Pieterse, mokwaledi wa mo Sekolong sa Disaense tsa Maitsholo ka mo Khamphaseng ya Khutlotharo ya Lekwa a re Moh Elsabe de Wet, motlhatlheledi mo Sekolong seo, o tshwanetse go bidiwa leina le ene. “O ratiwa thata ke baithuti ba gagwe mme ene ke motho yo o a ka go direlang ka nosi mme o

DIKGANG TSA BOLAODI JWA SETHEO

14 I

Mo kgatisong ya pelega e ya Eish! Re ile ra tlhagisa palo ya badirammogo ba mo YBB ba ba tla go tsamaela maele ya bobedi fa ba dira ditiro tsa bone tsa beke le beke. Mo kgatisong e re tla lebelela palo e nngwe gape ya badirammogo ba ba tla nnang dikao tsa batsamaya-maele-ya-bobedi ka ba biditswe maina ke badiri ba ba dirang le bone.

Ba ba tla go tsamaela maele ya bobedi ka boitumelo

thata mme ga o tlosiwe mo tseleng ka pele. Botlhe ba mo lefapheng le ba ka dumelana le ntlha e mme ruri go tloga ka letsatsi la gagwe la ntlha ka mo ga rona o tlisitse diphetogo.”

Ka mo Ofising ya Setheo go na le badiri ba ba itlhaolang thata le bone. Moh Lynette Ferreira, mokwaledi wa Mokaedi Mokhudutamaga:Tlhabololo ya Batho, o akanya gore Mor Christé de Wit, Mokaedi: Metswedithuso ya Batho, ke pinagare ya maatla ruri – motlho yo a se a mo tlhabise ditlhong gope mme o na le bokgoni jwa go tshegetsa botsalano le botlhe

le go thusa botlhe mme tse di dira gore a itlhaole mo bathong ba bangwe. Gantsi o simolola go dira mo mosong ka 06:10 mme ga a na mathata go dira go fitlhela bosigo. O ela tlhoko thata dikgatlhego tsa badirammogo ba gagwe, le menate le ditshwenyego tsa bone mme nako yotlhe o eme sentle go ka ba ema nokeng.”

Motho yo mongwe yo Moh Fereirra a ratang go bitsa leina la gagwe ke Moh Judy Heymans, mokwaledi wa Motlatsamokanseleri. “Ene ka a le letsogo la ga Ngk Theuns Eloff la moja le la molema ene o fana ka thuso ya tsamaiso ya ofisi yotlhe ya Motlatsamokanseleri. Le fa a direla ka mo tlase ga kgatelelo e kgolo ga a nke a tlhoka nako ya go thusa motho – Ke akanya gore ene o feta teko ya go nna mongwe yo a ka go tsamaelang maele ya bobedi ka maemo a ntlha,” ga re Moh Ferreira.

Fa e le gore o batla go bontsha tebogo le tlotlo ya gago go modirammogo wa gago mme o akanya gore ene a ka go tsamaele maele ya bobedi mo ditirong tsa gagwe, o na le tshono ya go ka romela eposo kwa go nelia.enge lb rech [email protected] kampo e romele fekese kwa (018) 299

4938.

Mo setheong se sengwe le se sengwe go na le badiri ba ba itlhaolang – e seng fela ka tiro ya bone ya boitseanape mme le ka

maitshwaro a bone a a posetifi fa ba dira tiro ya bone. Bangwe ba bone ke ba ba latelang ba badiri ba mo YBB ba ba leng dikao tsa go thusa le go ema nokeng badirammogo ba bone go feta se ba tshwanetseng.

Moporof Damian

Garside, Mokaedi wa Sekolo sa Disaense tsa Botho ka mo Khamphaseng ya Mafikeng, ke mongwe yo nako yotlhe a emeng sentle go ka go tsamaela maele ya bobedi. Se ke kakanyo ya ga Mor Kiran Odhav, motlhatlheledimogolo ka mo Lefapheng la Sosioloji ka mo Khamphaseng ya Mafikeng mme a re

Moporof Garside o dira go feta se a tshwanetseng go se dira. “O ineela gotlhegotlhe mo akateming mme o dirisana le baithuti sentle mme o neeletsana le bone sentle thata. Nako yotlhe o ipaakantse go direla ba

bangwe le fa a hupelwa ke tiro e ntsi.”

Moh Kgomotso Direko wa Lefapha la Booki ka mo Khamphaseng ya Mafikeng o akanya gore Moh Hunadi Rakhudu, Mokaedi wa Porokerama ka mo lefapheng o bontsha bokgoni jwa tsamaiso jwa boitseanape. “O dira ka maatla go

baakanya ditokomane tsa semmuso tsa dikopano mme o dirisa nako e ntsi morago ga diura tsa tiro go tlhomamisa gore tiro ya gagwe e dirilwe ka boithutelo,” ga re Moh Direko.

Mo ditirong tsa gagwe tsa letsatsi le letsatsi Moh Martie van der Merwe, mokwaledi wa Moreketoro

wa Khamphase ya Potchefstroom, o dirisana le badirammogo ba bantsi. Yo mongwe wa badiri yo a ineelang thata ke Mor Bertus le Roux, tlhogo ya Lefapha la Logesetiki ka mo Khamphaseng. “Re dirisana mmogo nako e ntsi, thata ka nako ya dikapeso le kabelo ya didikerii. O thusa nako yotlhe, o botsalano mme

Moporof Damian Garside

Moh Hunadi Rakhudu

Mor Bertus le Roux

Mor William Scott

Moh Judy Heymans

Mor Christé de Wit

Moh Annette Willemse

Moh Elsabe de Wet

I 15

DIKGANG TSA BOLAODI JWA SETHEO

Palo ya rekoto ya badiri ba ja letsatsi la thepiso la diKhamphase

Morago ga beke e e lapisitseng ruri ya ditherisano le ditiro ga arabela ditlhokego tsa panele ya HEQC go ne ga tshwariwa

letsatsi la thepiso le le neng le tsenwe ke badiri ba ba 529 mo bofelong mme ba repisa dithapo ka go ja letsatsi la Thepiso la badiri magareng a DiKhamphase ka Labotlhano la letsatsi la 20 Mopitlwe 2009 ka mo Khamphaseng ya mo Potchefstroom.

Ka mo tlase ga maru a masweu a a neng a tsosa mo loaping lo lo pududu badiri ba ne ba kopanela ka mo pele ga kagokgolo ya khamphase ya Potchefstroom mo Motlatsamokhanseleri, Ngk Theuns Eloff, a neng a bula letsatsi semmuso.

O ne a leboga botlhe ka thuno ya HEQC e tsamaile sentle le gore diphetho tsa Yunibesiti tsa akatemi le tse dingwe tsa mafelo a 2008 a ne a kgatlhisa le fa go ne go na le dikgwetlho tse di farologaneng mo ngwageng e e fetileng.

Morago ga pulo ya semmuso badiri ba ile ba simolola go tsamaya loeto la go itisa go kgabaganya Khamphase go fitlha kwa mabelang a metshameko a Fanie du Toit, mo ba ileng ba tsaya karolo mo letsatsing la dikgaisano le metshameko jaaka go bina, kgaisano ya dikeriba, go taboga ka mae, go tshameka volley ball le go gogagogana.

Gangwe le gape mo letsatsing go ne ga gogiwa maina a badiri mme ba ba robedi ba ile ba amogela mongwe le mongwe sesupo sa lekwalo sa go ka reka kwa lebenkeleng le le rileng le legolo. Ba ba neng ba amogela dimpho tse ba ne ba le Moh Fransinah Mthembu le Moh Sophie Thaga go tswa kwa Khamphaseng ya

Beke ya leeto la HEQC(Higher Education Quality Committee) e ne ya tswalwa ka letsatsi la thepiso le le neng le tsenwe ke palo ya rekoto ya badiri ba YBB mme ya nna letsatsi la thepiso le le monate.

Badirammogo ba dikhamphase tse di farologaneng tse tharo le ba kwa Ofising ya Setheo ba eme sentle go ka simolola go tsamaya leeto ka mo khamphaseng.

Mafikeng, Moh Sannah Seroalo le Moh Eurica Jansen van Rensburg ba mo Khamphaseng ya Potchefstroom, le Moh Tembi Mosabala le Mor Christopher May go tswa kwa Khamphaseng ya Khutlotharo ya Lekwa. Moh Coréne van der Merwe le Moh Jacobie Fourie ba ne ba le bafenyi go tswa mo Ofising ya Setheo.

“Go tswa mo dipolelong tsa tebogo le boitumelo go bonagala ruri gore badiri ba ile ba na le letsatsi le le monate thata,” ga re Moh Ina van der Watt, morulaganyimogolo wa Boitekanelo jwa Badiri jwa YBB, yo badirammogo ba gagwe ba rulagantseng letsatsi

lotlhe. Letsatsi le le latelang la Thepiso le tla tshwariwa

ka letsatsi la 28 Phatwe 2009 kwa Khamphaseng ya Khutlotharo ya Lekwa.

Fa Ngaka Theuns Eloff, Motlatsa-Mokhanseleri, a le mo malatsing a maleele a khunologo, Ngaka Ngaoto Takalo, Mokaedi-Mogolo wa: Go Ruta-Go Ithuta e bile gape e le Motlatsa-Mogokgo, o tla dira tiro ya ga Motlatsa-Mokhanseleri.